Breaking News

Kgosi o akgola kereke

03 Sep 2019

Kereke ya Guta Ra Mwari e akgoletswe seabe sa yone mo go thuseng lefatshe leno go betla boitsholo jwa banana.

Kgosi kwa lekgotleng la Setswana la kgaolwana ya Old Naledi mo Gaborone, Kgosi Arnold Somolekae, yo o neng a bula semmuso bokopano jwa banana ba kereke eo ka Matlhatso Phatwe 31, o kaile fa go le botlhokwa gore ba-na-le seabe botlhe ba tsenye letsogo mo go thuseng banana go ipetlela isago e ntle.

Kgosi Somolekae o boletse fa dilo tse di fatlhang di akaretsa go nwa bojalwa phetelela ga mmogo le tiriso ya ditagi di tsweletse ka go faposa banana mo tseleng, ka jalo go le botlhokwa gore ba thusiwe ka gotlhe mo go ka kgonwang gore ba seka ba tswelela ka go wela ka lemena.

O tlhalositse fa kereke e le nngwe ya ba-na-le seabe ba motia mo kgannyeng e, mme a iteela kereke ya Guta Ra Mwari legofi go bo e sa ipone tsapa mo go thuseng go aga banana ba lefatshe le.

Fa a ntsha lefoko la kgothatso, mogolwane mo kerekeng eo, Rre Gasper Moyo o ne a gakolola banana ba Guta Ra Mwari go nna kutlo, segolo bogolo fa go tla mo thutong ya lefoko la Modimo.

Rre Moyo o boletse fa go tshegetsa ditaelo tsa Modimo go le botlhokwa ka jaana go thusa batho go tila go ka iphitlhela ba tsamaya mo ditseleng tsa tshokamo.

O supile fa go utlwa le go sala morago mantswe a Modimo e le seikokotlelo sa botlhokwa se banana ba tshwanetseng ba ikaega ka sone mo nakong eno e lefatshe le tletseng tobekano.

Fa a rola maikaelelo a bokopano joo, mongwe wa bagogi ba banana ba kereke ya Guta Ra Mwari, Mme Lillian Kelebemang o ne a tlhalosa fa bokopano joo bo tshwerwe go fa banana ba kereke sebaka sa go rutwa ka fa se se solofelwang mo go bone jaaka maloko a kereke eo.

O ne a supa gape fa mo bokopanong joo, banana ba tlaa fiwa melaetsa e e farologanyeng e akaretsa kgolo ya bana, bodiphatsa jwa tiriso nnotagi le ditagi tse dingwe, tiriso e e lolamemng ya madi ga mmogo le kamano le batho ba ditumelo di sele.

Bokopano joo, jo bo neng bo sa tshologelwa mo go kalo, bo ne bo tsenwe ke banana go tswa mo diphuthegong di le mmalwa tsa Guta Ra Mwari go tswa mo Botswana, Afrika Borwa le Zimbabwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : GABORONE

Event : Pulo Semmuso

Date : 03 Sep 2019