Lekgotla la baruti le bulela kgwedi ya merapelo
03 Sep 2019
Lekgotla la baruti go tswa kwa Letlhakeng mo kgaolong ya Kweneng, le ne le kopanye le morafe wa Khekhenye le ofisi e e itebagantseng le bolwetse jwa HIV/AIDS go tswa motseng oo, go bula kgwedi ya merapelo ya bolwetse jwa HIV/AIDS.
Fa a rola maikaelelo a letsatsi, molaodi wa kgaolo-potlana ya Letlhakeng, Mme Ikgopoleng Lekoape, o supile fa e le go rotloetsa babereki go nna podi matseba ka bolwetse jwa AIDS le go amogela maiteko a a dirilweng ke puso go lwantsha bolwetse jo.
Mme Lekoape o supile fa moono e le go fedisa bolwetse jo, a bo a tlhalosa fa go na le malwetse a a borai a a sa tshelanweng, mme a kopa Batswana go a tsibogela.
Fa a ntsha mafoko a kgothatso, modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa Letlhakeng e bile e le moruti kwa kerekeng ya Eloyi, Moruti Karabo Lekula, o tlhalositse fa Modimo a seke a fetoga, a bo a supa gore motho yo a senang Modimo ga a na boitumelo, o tsofala ka bonako ka jaana a nna ka kutlobotlhoko.
O kopile morafe wa Khekhenye go boela kwa Modimong ka jaana kwa ntle ga gagwe ga go sepe se ba ka se kgonang.
Moruti o tlhalositse fa bolwetse jwa kgotlholo e tona bo kile jwa bo bo sa alafesege, fa mo nakong ya gompieno bo na le kalafi.
O ne a tlhalosa fa go sa pale sepe gore malwetse a a sa alafesegeng a nne le kalafi.
Baruti ka go farologana ba ne ba nna le sebaka sa go rapelela malwetse, dikotsi tsa dikoloi, dipolaano tsa baratani, pula, bana, boipuso, le ditlhopho tsa monongwanga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : KHEKHENYE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 03 Sep 2019