Breaking News

Khansele ya Tawana e bone madi a go sekaseka lefatshe

03 Sep 2019

Modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Maun, Rre Obusitswe Ntirelang, a re lekgotla la kabo ditsha la ga Tawana le bone P3 million yo o tlaa thusang go dira ditshekatsheko tsa tikologo go itsa go aba ditsha mo mafelong a a kgotlelesegang.

Fa a begela khansele-potlana ya Maun bosheng, modulasetilo o supile fa ditshekatsheko tseo di le botlhokwa mo kabong ya lefatshe kwa Maun, ka go supagetseng fa ditsha dingwe di beilwe mo mafelong a a tshabelelwang ke kgotlelesego jaaka merwalela. 

Rre Ntirelang o ne a re go ntse go sena tswelelopele mo kabong ya ditsha kwa Maun, seemo se a rileng se bakilwe ke letlhoko la madi a tsone ditshekatsheko ntswa ba kabo ditsha ba dirile mealo ya go sega ditsha.

O ne a tlhalosa fa lekgotlana la Maun la kabo ditsha le paletswe ke go aba ditsha gotlhelele monongwaga ntswa ba ne ba ipeetse seelo sa go aba ditsha tse di makgolo a mabedi ka ntlha ya dikgwetlho di tshwana le madi a go dira ditshekatsheko le a go phimola keledi beng ba masimo a a gapiwang ke ba kabo ditsha go sutela ditsha tsa bonno.

Le fa go ntse jalo, Rre Ntirelang a re go ya pele, lekgotlana la kabo ditsha la Maun le tlaa dira mealo go sale pele mo mafelong a a mabapi jaaka Chanoga le Sehithwa a a sa angweng ke ditshekatsheko tsa tikologo e e kgotlelesegang motlhofo.

O ne a tlhalosa fa lekgotlana la Maun le solofetse go aba ditsha di le 3 000 kwa Sexaxa mo bogautshwaneng tse di tlaa thusang go fokotsa dipalo tsa baikopedi.

Modulasetilo o ne a  tlhalosa fa ba na le  baikopedi  ba le 20 000 le go feta kwa Maun.

Bangwe ba Makhanselara ba ne ba re gongwe go ka nna le tema fa lekgotla la kabo ditsha le ka sekaseka baikopedi gore go fiwe  sebaka baikopedi ba ba senang ditsha gotlhelele fa go abiwa ditsha.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Phuthego ya Khansele-Potlana

Date : 03 Sep 2019