Sireletsang dikgwebo - mapodisi
02 Sep 2019
Mothusa mogolwane wa mapodisi a Serowe, Assistant Superintendent Bopelo Ntatiwa, o kopile bagwebi ba Serowe go sireletsa dikgwebo tsa bone.
O buile jaana bosheng kwa thuto-puisanyong e ba neng ba biditse bagwebi ba Serowe go buisanya ka itshireletso kwa dikgwebong tsa bone.
A re dipalo tsa bogodu tse di begilweng mo dikgwebong kwa Serowe mo sephatlong sa ntlha sa ngwaga wa 2018/2019 di supa gore bogodu jwa go utswa motho a theogetse bo diragetse gararo, e bo e re sephatlo se se latelang go bo go diragala ga bedi fa bogodu jwa go thuba jone bo le kwa godimo.
Superintendant Ntatiwa a re bagwebi, ba tshwanetse go thapa batho ba ba boikanyego, e bile ba itse tiro gape ba tshwanetse go thapa badisadikago go tlhokomela madirelo a bone ka dinako tsotlhe.
A re gantsi bogodu jo bo diragalang mo dikgwebong bo dirwa ke gore bagwebi ga ba tshware babereki sentle, mo ba ba duelang morago ga nako, a bolela fa go dira jalo go felela go dira mmereki gore a senye.
O kopile beng ba dikgwebo go tsaya boikarabelo jwa tshireletsego ya babereki fa ba tshaisa bosigo.
A re bagwebi ba tshwanetse go nna ba lekodisana ka pabalesego ya dikgwebo tsa bone le go abelana maele gore ba ka dira jang gore go seka ga nna le bogodu mo dikgwebong.
O tlhalositse gore fa go na le bogodu jo bontsi mo kgaolong, ga ba kake ba bona babeeletsi ka gore ba tlaa bo ba tshaba bogodu.
Mongwe wa bagwebi, Rre Farhang Nekakhtar wa khamphani ya Trye Services a re bagwebi ba tshwanetse go itlwaetsa go thusa setshaba se ba direlang mo go sone.
A re fa dipalo tsa tshenyo di ya kwa tlase, go raya gore setshaba se tlaa bo se babalesegile le go fokoletsa mapodisi tiro.
O lebogile sepodisi go bo ba bone go le botlhokwa go bitsa bogosi mo pitsong ya bone, a supa fa dikgosi di le botlhokwa mo setshabeng.
Rre Nekakhtar o kopile bagwebi go itse baagisanyi ba bone le megala ya bone gore fa go na le se se diragalang mo kgwebong ya mongwe a seyo, ba kgone go mo itsese ka bofefo go tila tshenyo e e ka diragalang.
O kopile mapodisi go ruta bana ba dikole ka tiro ya bone gore ba gole ba e itse le go batla gore ke eng se se dirang gore babereki ba senye.
Inspector Mmoloke Kgosimore wa sepodisi sa Botswana a direla kwa Serowe, o boletse fa go na le mefuta e le meraro ya bogodu e leng tshenyetso setshaba, go utswa ka boferefere (fraud) le bogodu (theft).
O kopile beng ba dikgwebo go kgaoganya babereki ba bone ka ditiro go na le gore ba dire tiro nngwe le nngwe.
A re ba emise gore e re fa babereki ba tshwanetse go tsaya madi a bone fa ba sena go wetsa dingwaga tse tlhano, ba bo ba ba batlela melato ba ba koba ba sa batle go ba duela.
Go dira jalo a re ga se tsamaiso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Mbaeva
Location : SEROWE
Event : Thuto Puisanyo
Date : 02 Sep 2019