Breaking News

Moremi o kgothatsa bomme

02 Sep 2019

Motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi, o kgothaditse bomme ba Kereke ya Revelation Blessed Peace Church go tswa ka maele a a ka ba godisang e le bomme, go godisa kereke le sone setshaba sa lefatshe leno.

Kgosi Moremi o buile jalo mo bokopanong jwa bomme ba kereke eo jo bo neng bo tshwerwe ka Matlhatso Phatwe 31 kwa Maun.

A re bomme ke thari ya setshaba, ka jalo ba na le tiro e ntsi ya go aga malwapa le bana gore ba nne kutlo.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Moremi o ne kgothatsa bomme ba tumelo go tshwara ka thata le fa ba kopana le dikgwetlho.

Mookami wa kereke eo mo Maun, Mme Gotweng Simon ene o ne a kgothatsa bomme bao gore ba tshwane le mme wa mo Baebeleng mo lekwalong la ga Diane 31.

A re mme yoo ke mme yo o kgethegileng e bile a le kutlwelobotlhoko. Mme Simon o ne a kgothatsa bomme bao go dirisa bokopano joo go itshekatsheka.

O bile a ba gwetlha gore ba tswe mo bokopanong joo ba fetogile gore ba nne le boleng mo malwapeng a bone le mo setshabeng.

Mme Simon o supile fa motho wa mme a le botlhokwa fela thata ka go ka seke ga nna le lelwapa, kereke le sone setshaba ntleng le mme.

Ka jalo, o ne a kgothatsa bomme bao gore ba nne le tumelo ka bongwe ka bongwe ba lemoge fa ba kgethegile.

A re go le gantsi, bangwe ba bomme ba a palelwa mo botshelong ka ntlha ya go inyatsa le go boifa go dira maikaelelo a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Bokopano ba Kereke

Date : 02 Sep 2019