Breaking News

Baikopedi ba nyeletso lehuma ba tlhoka ditlamelo

02 Sep 2019

Mogolwane wa lenaneo la nyeletso lehuma kwa ofising ya ga Tautona, Rre Ian Tema o kopile batsamaisi ba lenaneo kwa dikgaolong ka go farologana go thusa baikopedi ka didirisiwa tse ba di tlhokang gore ba kgone go simolola dikgwebo.

A re mo dinakong tse dingwe, batsamaisi ba mananeo a nyeletso lehuma ba neela ba ba ba thusang didirisiwa dingwe tse ba di tlhokang mme ba bo ba sa boele kwa go bone go ba neela tse di setseng.

Rre Tema yo o neng a bua kwa bokopanong jwa khansele-potlana ya Serowe ka Laboraro, a re ba lemogile fa ba ba thusiwang, ba neelwa tse di setseng morago ga sebaka se seleele fa gongwe ba bo ba felela ba ikuela.

A re fa moikopedi a sa fiwa tsotlhe tse a neng a tshwanetse go di fiwa, go tshwana fela le fa a sa bona thuso.

A re mo dinakong tse dingwe, yo o thusiwang o tlaa bo a ikopela go apaya borotho, a bo a fiwa didirisiwa tse dingwe jaaka dipitsa le setofo go bo go sala gore a neelwe borotho jo a tlaa bo apayang mme a bo a felela a ema go sena gore o ka dira jang.

Rre Tema a re go na le ditiro di le masome a mane le botlhano ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma, le moikopedi a ka tlhophang mo go tsone, a lebile mabaka a gagwe le gore a seo se ka mo tswela mosola.

A re moikopedi o ka kgona go kopa lenaneo lengwe le a ka itshetsang ka lone mme le seyo mo go a a leng teng. 

Fa go ntse jalo, go tlaa bo go sekasekwa fa le letlwelelwa a bo a le neelwa.

Rre Tema o ne a itsese makhanselara a kgaolo-potlana ya Serowe fa go rekilwe metshini e e tlaa dirisiwang ke baikopedi ba lenaneo la nyeletso lehuma go tlaleletsa mo mananeong a a leng teng le gore baikopedi ba kgone go bona mmaraka o ba ka rekisetsang kwa go one.

A re metshini eo, e tlaa thusa mo dikgwebong di tshwana le tse di dirang dipampiri tse di dirisiwang kwa ntlwaneng, melora e e tlhatswang le e e tlhapang le tse dingwe.

O supile fa mo kgaolong- potlana ya Serowe, baikopedi ba le 2 695 ba ne ba ikopela go thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma mme ya re ba sena go sekasekwa, ga amogelwa dikopo tsa ba le 2 086.

A re ba le sekete, makgolo a mabedi, masome a matlhano le bosupa ba setse ba isitswe dithutong tsa nyeletso lehuma mme ditiro di le sekete le lesome le botlhano di setse di filwe dithuso tsa madi fa di le makgolo a supa, masome a mararo le borataro di tsweletse mme tse masome a mararo le boraro di tsweletse sentle e bile di ka kgona go itsamaisa.

A re mo ditirong di le makgolo a supa, masome a mararo le borataro tse di tsweletseng, ba le makgolo a supa, masome a mararo le borobabobedi  ba kgonne go bona ditiro fa baikopedi ba le sekete le borobabobedi ba emetse dithuso tsa madi.

Rre Tema o ne a kopa ba ba tsamaisang lenaneo la nyeletso lehuma go gakolola baikopedi ka ditiro tse ba di ikopelang le go ba tlhalosetsa fa di setse le tletse kana di na le mathata.

A regape ba tshwanetse go ba bolelela boammaaruri ka mananeo ao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : Bokopano ba Khansele

Date : 02 Sep 2019