Breaking News

Mowa wa go aba o ka aga

02 Sep 2019

Rre Johane Thiite wa khamphani ya Thiite Rubble Screeners (TRS) o rotleditse Batswana go aba. 

O buile jaana fa a abela sekole se sebotlana sa Kgaphamadi kwa Ghanzi dibuka tse di balwang  bosheng. 

Rre Thiite a re o tswa kgakala le go aba.

A re la ntlha o ne a abela mo-na-le bogole kwa Gobojago kwa Bobirwa, e bo e le jaaka leoto la gagwe le simologile, mo gomipeno a setseng a abile dithoto tsa madi a a ka tshwarang sedikadike le dikete tse tharo tsa dipula (P1.3 million). 

Rre Thiite, yo gape e leng ntlhopheng wa bopalamente wa kgaolo ya Ghanzi Bokone, a re motho yo o abang o ratwa ke lesego, a tlatsa ka go re moruti mongwe o mo reile a re Modimo o kgona go dirisa motho go abela ba bangwe, ka go mo segofatsa gore a tle a di fetisetse kwa go ba bangwe. 

O ne a solofetsa gore o tlaa abela sekole se sebotlana sa Grootlaagte dibuka le dipone tse di tlaa thusang bana go bala ka gore motse oo ga o na motlakase. 

Dithoto tse a re o di abetswe ke ba ofisi ya boemedi jwa America mo Botswana gore a di abe, e bile a re ba solofeditse go mo abela dikhomputara mo bogaufing, tse le tsone a tlaa di fetisetsang kwa morafeng. 

Rre Thiite a re go tswa goo-Lowe Batswana e ntse e le batho ba le go aba, a re ba ne ba afa ba ba kobo dikhutshwane mafisa, e le mongwe mokgwa wa go aba le fa go ne go sa dirisiwe lefoko go aba. 

A re puso ga e kake ya kgona morwalo wa thuto e le nosi, mme a kopa botlhe go nna le seabe. 

O kgothadistse batsadi go re ba seka ba phuaganya thuto ya bana, mme ba e emele ka dinao ka itsholelo ya lefatshe e ikaegile ka thuto, e bile thuto e dira gore lefatshe le phadisane le a mangwe, e bile e le boswa jwa sennela ruri. 

Rre Thiite o kgothaditse batsadi go etela dikole go itse dikgwetlho le gore ba ka tsenya letsogo fa kae.

O ne a itlama go tswelela a aba le go kopela dikole dithuso go tokafatsa seemo sa thuto. 

Mothusa mogokgo wa sekole seo, Mme Tuelo Aedige o ne a lebogela dimpho tseo, a re di tlaa araba selelo sa letlhoko la dibuka kwa motlobong wa dibuka wa sekole seo, gape di tlaa rotloetsa baithuti go bala, ka e bile ba itlamile go dira sekole sa bone sekgantshwane sa thuto. 

Fa a tswa la gagwe, Rre Gabriel Nguahoka wa mokhanselara kwa kgaolong eo, a re tiro e e dirwang ke Rre Thiite le khamphani ya gagwe e a lebosega ka e bile ba tswa kgakala ka yone. 

Rre Nguahoka a re go abela sekole dibuka go tlaa ba bula ditlhaloganyo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : GHANZI

Event : Kabo Dibuka

Date : 02 Sep 2019