Lebelo ga se la motloga pele
02 Sep 2019
Mogolwane wa lekalana la Botswana Energy Regulatory Authority (BERA), Mme Nnosang Mhutsiwa a re lebelo lengwe le lengwe le na le mohenyi.
Mme Mhutsiwa, yo e neng e le sebui sa tlotla kwa moletlong wa go ipelela maduo kwa sekoleng se sebotlana sa Molapowabojang bosheng, a re o itse gore ngwana mongwe le mongwe o dirile ka thata, mme fela ba ne ba se ka ke ba nna bahenyi botlhe.
A re e re ka Motswana a re ‘… wa o wesi ga o ele’ go bonala fa mogokgo wa sekole seo a kgona ka a tshwaragane le barutabana ba gagwe.
O ne a akgola botlhe ba ba fentseng, a re ebile o ba rotloetsa go tswelela ba dira bontle.
Mme Mhutsiwa a re BERA e tlaa tswelela e kgothatsa ba na ka go rotloetsa sekole ka go lemosega fa se tshotse diteemane.
O rotloeditse bana ba sekole seo go itse fa tlhong e le botho, a tlhalosa fa ngwana yoo botho go le gantsi a dira sentle mo dithutong.
Fa a ba ema pele ka lefoko, morotloetsi go tswa University of Botswana, Mme Rose Gabaitse o ne a re ngwana wa sekole o tshwanetse go ipotsa gore o tsile go dira eng mo sekoleng, mme a dire ka fa a ikemiseditseng ka teng.
Mme Gabaitse a re moithuti le buka ba tshwanetse go tswa ditsala, ka gore go dira sentle ke boikgethelo jwa motho.
O ne a kopile batsadi go tsaya karolo mo thutong ya bana, ka go ba ruta botho go tswa kwa lwapeng gore go nne motlhofo mo barutabaneng go ba ruta kwa sekoleng. O ne gape a kopa batsadi go elatlhoko gore tiro ya sekole e a dirwa.
Mme Gabaitse a re tiro ya motsadi ke go rotloetsa ngwana ka dinako tsotlhe, a re batsadi gape ba tshwanetse go ruta bana ba bone lorato.
Mogokgo wa sekole seo, Mme Ceciliah Tshamekang a re ba dirile moletlo go akgola bana ba ba dirileng sentle, a re dingwe tsa dimpho tse ba di abang ba di bone ka batsadi ba motse wa Molapowabojang.
Mme Tshamekang a re o itse gore bana ba ba dirileng bontle ba kgonne ka thotloetso ya batsadi, a bo a re gantsi ngwana yo o botlhale ke yo a nang le botho jo bo amogelesegang.
A re sekole se segologolo, mme maduo a sone a ntse a le kwa tlase ga 60 per cent ba seke ba nna le bana ba ba tsereng A.
A re mme ba ne ba leka thata ya re ka ngwaga wa 2017 bana bao ba nna lesome le motso.
Fa itebaganya le bana ba sa kgonang go tsaya dimpho gore ba seka ba itlhoboga, a re se ba tshwanetseng go se dira ke go ititaya dihuba gore ngwaga o o tlang e nne bone bafenyi.
Bontsi jwa babui ba ne ba sa kgale mathe fa ba bua ka bophepa jwa sekole se sebotlana seo, le botho jwa bana ba sone, ba re fa gone go ntse jalo mo dikoleng tsotlhe Botswana o ka bo a tsabakela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : Molapowabojang
Event : Ipelelo Maduo
Date : 02 Sep 2019