Mabogo dinku a a thebana - mogolwane
02 Sep 2019
Motshwarelela mookamela thuto kwa kgaolong ya Kgalagadi mme Maipelo Kesenye o akgoletse Banka ya First National Bank Botswana (FNBB) le ba Botswana Power Corporation (BPC) go tsenya letsogo mo maitekong a go tokafatsa maduo kwa Kgalagadi.
O buile jaana ka Matlhatso Phatwe 31 jaaka dikhamphani tse di ne di abela baithuti ba sekole se sebotlana sa Kolonkwaneng dibeke tsa marang a letsatsi go fetlha motlakase go dira lebone le ba tlaa le dirisang go ithuta.
Mogolwane o ne a re dimpho tse di supa fa ruri mabogo dinku a thebana, ka dikhamphani tse di farologanyeng di tsaya karolo mo thutong, kgankgolo e le go tlotlomatsa thuto.
O ne a iteela legofi tirisanyo mmogo e, e a tlhalositseng fa e tlaa thusa go nolofatsa go ithuta.
Mme Kesenye o tlhalositse gore lephata la thuto le taboga ka moono wa Delivering the 21st Century Learner o o supang maitlamo a puso a go aga ngwana yo o dirisang maranyane a dipaka tsa segompieno yo o tlaa kgonang go emelelana le dikgwetlho tsa segompieno.
O lebogetse dikhamphani tseo go thwaraganela thuto le puso ka go tsisa dithuto tse di maleba.
O ne a supa fa e ne ya re ka 2011 puso ya ntsha lenaneo la gore batho kana dikhamphani ba ikabele dikole go di thusa ka matlhoki a tsone.
Mogolwane o tlhalosa fa lephata la thuto le tlhaelelwa ke ditsompelo, ka jalo go le botlhokwa go bona seabe sa dikhamphani ka Setswana se re setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata le gone gore bana ba motho ba kgaogana tlhogo ya tsie.
A re go botlhokwa go ithaopa go thusa sekole ka go arogana le baithuti talente e motho a nang le yone, ka thuso e se ya madi fela.
Mme Kesenye o ne a re thuto ke namane e tona ya tiro, ke sone se FNBB le ba BPC ba e tshwaraganetseng.
O ne a tswelela go rotloetsa stshaba ka kakaretso go tsenya letsogo mo thutong.
Mogolwane o ne a lebogela ba FNBB le ba BPC tiro e ba e dirileng go nna le seabe mo thutong mme a rotloetsa bana go tshwara ka natla e se re gongwe maiteko a a tsena ka motlhobodika.
Fa a tswa la gagwe, mookamela FNBB la Jwaneng Mme Hildah Mooketsi o tlhalositse gore banka eo e ikemiseditse go tlhabolola matshelo a batho mme e phatlaladitse P2 million mono ngwaga lefatse ka bophara go thusa ba ba ’kobo dikhutshwane.
Mme Mooketsi a re FNBB e dumela gore go tsisa seriti le ditlamelo go tsosolosa thuto, ke ka moo e tlhophileng Kolonkwaneng go tsisa dibeke tsa motlakase ka ba lemogile letlhoko leo teng.
O kopile batsadi go amogela le go thusa bana go tlhokomela dibeke tseo, a supa gore lemme ga le bolae go bolaya lesolo, ka jalo ba amogele ka atla tsoo-pedi.
Mme Mooketsi o tlhalositse gore maiteko a bone a go thusa bana ka dibeke tsa motlakase wa marang a letsatsi ba batla gore a tlhapisiwe ka maduo a sekole a a tokafetseng.
A re beke eo e direletswe gore ka nako e go senang motlakase, moithuti a seka a tlhoka go dira tiro ya sekole.
A re bana ke bokamoso jwa lefatshe, ka jalo go botlhokwa go tshwaraganela thuto ka go fa baithuti ba lokwalo lwa bone go fitlha ka la bosupa thotloetso e e tlhokafalang gore ba dire bontle mo thuton ya bone.
Mo go tse dingwe o ne a tlhalosa gape gore banka eo e santse e sekaseka go tsisa ditirelo tsa yone kwa Tsabong.
O tlhalosa gore pula-madibogo e tlaa nna go tlhoma ntlwana ya seka banka gompieno go fitlhelela boipuso.
Ntswa sekole seo se le sebotlana, maduo a sone a a kgatlhisa, selo se ba se kgontshiwang ke tshwaragano ya batsadi le barutabana.
Ka 2014 sekole se ne se dirile 69 per cent, ka 2015 sa gatisa 53 per cent, fa ka 2016 se ne se dirile 76 per cent, ka 2017 sa dira 70 per cent, mme ngogola sa tsholetsega go dira 81.3 per cent.
Ka dimpho tsa ba FNBB le BPC ditsholofelo di kwa godimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : KOLONKWANENG
Event : Kabo ya Dibeke
Date : 02 Sep 2019