Tshwaragano konokono - Tautona
01 Sep 2019
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a re go botlhokwa go tshwaraganela mosepele wa go aga Botswana yo mosha.
Ka jalo, Dr Masisi a re o tlaa tswelela a rera le baemedi ba makgotla a babereki gore ba kgone go tlhaloganya kwa a eletsang go iwa teng.
O buile jalo ka Labotlhano Phatwe 30 kwa Palapye kwa bokopanong jwa lekgotla la BOSETU le le okametseng makgotla a barutabana. Tautona Dr Masisi o ne tsibogela mafoko a moeteledipele wa BOSETU, Rre Winston Radikolo a gore lekgotla la barutabana ga le a itumelela tshwetso ya mohiri mabapi le dipuisanyo tse di amang mabaka a pereko le dituelo.
Tautona Dr Masisi o arabile ka go re, ‘ke le utlwile. Le maabane ke boleletse baoki gore ke ba utlwile. Mme ke ne ke simolotse mokgwa wa gore kwa bothokong, mo go sa laolweng ke molao, ke nne ke kopana le boeteledipele jwa makgotla a babereki, re ngunanguna kwa thoko.
Ke a ba batla, re tlaa bona nako ya go kopana, re buisana ka go re re ya kae. Go botlhokwa go nna re kopana re ngunanguna,” ga tlhalosa Tautona Dr Masisi.
Dr Masisi a re mohiri le boemedi jwa makgotla a babereki ba tlaa tswelela ba buisana ka maikaelelo a go tokafatsa mabaka a pereko le dituelo. Le fa go ntse jalo, Dr Masisi a re go botlhokwa go tlhaloganya gore sepe se se tlaa dirwang, se tlaa laolwa ke seemo sa itsholelo.
O supile gore e tlaa bo e se boamaruri go tsaya tshwetso e e ka koafatsang itsholelo le go feta.
Mo puong ya gagwe, Rre Radikolo o supile gore o tlaa bo a sa dira boammaruri fa a sa tlhalose gore mo boemong jwa barutabana, ga ba a itumedisiwa ke tshwetso e e tserweng bosheng mabapi le go tokafatsa mabaka a pereko. Rre Radikolo a re tshwetso e e tserweng e phutlhamisitse ditsholofelo tsa barutabana.
“Re ne re na le tsholofelo e ntsi fela thata. Ka letsatsi la babereki o ne wa re solofetsa gore re tlaa bona tshwanelo eo.
Re itela mo go wena rraetsho, re re fa e le gore ke pelo busa pelo o re akanyetse.
Go botlhokwa go lemoga gore re kokonelwa ke seemo sa itsholelo gabedi, mo tirong le kwa malwapeng. Re ikuela kwa go wena, go sekaseka tshwetso e e tserweng ke mohiri ya go re tima ‘ntshuteletsa’.
Kana rona re ne re sa batle ntlole, re ne re kopa go sutelediwa fa go leng botokanyana, ka kitso le kutlwisiso ya gore itsholelo e ka babalelwa.
Fa go na le selo se se tlopelesegileng mo barutabaneng ke kutlwisiso.
Ka jalo re ne re re rraarona, busa pelo o re akanyetse, re santse re na le tsholofelo e ntsi mo go wena,” ga tlhalosa Rre Radikolo.
Rre Radikolo o supile gape gore lekgotla la BOSETU le tshwenngwa ke dikgang tse di tsweletseng ka go amana mo dikgannyeng di bua ka dipenshene tsa babereki.
O tlhalositse gore dikgang tseo di supa fa madi a penshene a sa sireletsega, ka jalo a re o ipotsa gore a babereki ba tlaa roba sengwe motsing ba tlogelang tiro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : PALAPYE
Event : Bokopano ba BOSETU
Date : 01 Sep 2019




