Tsogwane o kopa batlhophi go sireletsa lefatshe
01 Sep 2019
Mothusa Tautona e bile e le modulasetilo wa phathi ya Botswana Democratic Party (BDP), Rre Slumber Tsogwane o kopile batlhophi ba Takatokwane go ya go sireletsa lefatshe le ka tlhopho ya bone.
Mothusa Tautona o buile jaana fa a ne a rola bontlhopheng ba Takatokwane ba bokhanselara le wa mopalamente e bong Rre Tshoganetso Leuwe Phatwe a le masome mararo le motso.
Rre Tsogwane a re fa batlhophi ba ka tlhoka go tlhopha BDP ba itse gore ba tlaa bo ba digetse lefatshe le ka lemena.
Ka jalo, Mothusa Tautona o kopile batlhophi ba kgaolo go ya go tlhopha phathi ya gagwe ka gore Tautona wa BDP Dr Mokgweetsi Masisi o setse a itshupile gore o ka dira pharologanyo mo matshelong a Batswana. A re tautona Masisi o setse a lerile diphetogo mo nakong e khutshwane fa a sale a tsaya setilo ngogola ka Moranang.
O gakolotse batlhophi gore ba tshwanetse gore fa ba ya go tlhopha ba itse gore ditlhopho tsa monogwaga di farologane le tse difetileng.
O gwetlhile batlhophi gore ba ye go tlhopha ba itse gore ba batla eng. A re ba seka ba ya go tlhopha fela ka gore ba solofeditswe madimadi.
Rre Tsogwane o gateletse gore bone kwa BDP ba bapatsa phathi ka ditiro tse ba setseng ba di dirile.
Mo go tsa dituelo, Rre Tsogwane a re puso ya Domokrag e dira dituelo go lebilwe matlhoki a lefatshe le a batho. A re dituelo tsa babereki di okeditswe monongwaga mme go dirwa jaana ka selekanyo se se rileng.
Le fa go ntse jalo, a re baya go fetola itsholelo e nna itsholelo e e ikaegileng ka dikitso e bile e akaretsa batho botlhe.
O bile a gatelela gore ba ya go fetola lefatshe le gore le ngoke babeeletsi. Rre Tsogwane a re Tautona Dr Masisi o tsamaya lefatshe lotlhe a ngoka bagwebi gore ba tle go dira dikgwebo mo lefatsheng le.
A re bone bagwebi bao ke bone ba ba tsileng go godisa itsholelo ya lefatshe ba bo ba tlhama ditiro tsa sennela ruri.
O boletse gape gore puso ya BDP e ya go dira molao o o bulelang letsomo la diphologolo jaaka e bile ditlou di setse di gorogile mo kgaolong ya Takatokwane. Moeteledipele wa ipapatso, Rre Danger Kgogwane a re ka ditlhopho tsa 2014 ba ne ba latlhegetswe mo dikgaolwaneng tse pedi tsa bokhanselara mme gompieno o tshephisa gore dikgaolwana tsotlhe ba ya go di fenya.
Modulasetilo wa phathi wa Kweneng Bophirima, Rre Motlhophi Leo a re Rre Leuwe ga se motho yo e kareng kamoso a tlhabise batlhophi ditlhong kgotsa a ba itatole.
A re o na le motlhalala wa sepolotiki e bile o diretse puso ya lefatshe le fa a ne a bereka e le lepodisi. O kile a nna modulasetilo wa khansele ya kgaolo-potlana ya Letlhakeng.
O gateletse gore Rre Leuwe o ka nowa moro e bile o ka tshephiwa. A re kwa phathing ya BDP maemo a boeteledipele a amoganwa ka kagiso e bile go na le neelano. Mopalamente yo o sa tswang go fologa setilo e bile e le tona wa merero ya sechaba, boagedi le tsa bong Rre Ngaka Ngaka o kopile madomokrag gore ba tlhophe Rre Leuwe.
O rurifaditse gore ene le Rre Leuwe ga ba na bothata e bile o tsamaya kgaolo yotlhe a mmapatsa. Ka jalo o kopile Rre Leuwe go tsweledisa fa a emeng teng mme dingwe tse a tshwanetseng go di emela ka dinao thata ke tsela ya Letlhakeng-Kaudwane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : TAKATOKWANE
Event : Tholo Ya Ntlhopheng
Date : 01 Sep 2019