Lekgotla le ipaakanyeditse ditlhopho
01 Sep 2019
E re ka jaana go setse malatsi a se kae gore lefatshe leno le ye ditlhophong, ba ofisi e e ikemetseng ka nosi ya ditlhopho (IEC) ba semeletse go tlhatlhelela ba-na-le seabe ka dikgang tse di amanang le ditlhopho le ka fa ofisi ya bone e tsweletseng ka teng go baakanyetsa ditlhopho tse.
E ne ya re kgwedi eno e le masome mabedi le bosupa, ba lekalana leo ba bo ba rulagantse ithutuntsho ya ba-na-le seabe ba Bokone Botlhaba, ba gareng ga bone e neng e le ba ba eletsang go emela ditlhopho.
Fa ba ema bokopano joo ka lefoko, dibui ka go tlhatlologana di boletse fa tsamaiso ya ditlhopho e le thulaganyo e e masisi, e e tlhokang go dirwa ka matsetseleko.
Ba-tsena ithutuntsho eo ba ne ba tsibosiwa ka dintlha tse di tlhokegang gore ditlhopho di tsamaye ka thelelo, e le ka maikaelelo a go tshegetsa serodumo sa kagiso le puso ya batho ka batho tse di renang mo lefatsheng leno.
Mokwaledi mogolo wa IEC, Mme Keireng Zuze a re go botlhokwa gore ba-na-le seabe ba tseye boikarabelo jwa go itse le go tsaya ka tlhoafalo ditsetlana tsotlhe tse go tlhokwang gore ba di sale morago.
A re seo se tlaa netefatsa gore ga ba kgopakgopetsane le molao o o tsamaisang ditlhopho.
Mo go tse dingwe, Mme Zuze o ne a gwetlha ba diphathi tsa sepolotiki go tshwaragana le ofisi ya bone tebang le go lwantsha ditsamaiso dingwe tse di sokameng, tse gantsi bangwe ba inaakanyang le tsone mme e le tse di ka nnang le seabe mo go kgotleleng puso ya batho ka batho.
O supile tlhobaelo ya go bo batho ba ikwadiseditse ditlhopho ka boutsana ntswa ikwadisetso ditlhopho tsa monongwaga e ne ya bulelwa mo makgethong a le mararo.
Ka jalo a re go botlhokwa gore batlhophi ba nne ba rotloediwa go ikwadisetsa ditlhopho ga mmogo le go tlhopha.
Mokwaledi o ne a gakolola ba-na-le seabe go tswa ka megopolo ya go baakanyetsa ditlhopho tsa 2024.
Fa a tswa la gagwe, moanamisa mafoko wa ofisi ya IEC, Rre Osupile Maroba a re e sale lekalana leo le tlhamiwa ka 1994, le dirile maiteko a go tla ka maano a go rutuntsha batho ka ditlhopho.
A re batho ba tshwanetse ba tlhaloganya gore ditlhopho tsa lefatshe leno di tsamaisiwa ka molao, e seng maikutlo, a kaya fa ofisi ya IEC e tsaya ka tlhoafalo ntlha ya therisanyo.
Mogolwane wa ofisi ya IEC kwa Francistown, a lebagane le kgaolo ya Bokone, Rre Lebonetse Maifala o ne a tlhalosetsa batsena dithuto tseo fa go ya ka molao wa ditlhopho, ope yo o ka ikamanyang le ditsamaiso tse di gotlhanang le melawana ya ditlhopho a ka tseelwa dikgato.
Mo go la gagwe, molaodi wa Bokone Botlhana, Rre Loeto Porati ene o ne a rotloetsa bontlhopheng go tlhaloganya fa go emela ditlhopho e le tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Ithutuntsho
Date : 01 Sep 2019