Lehuma le tlhokisa motho seriti
29 Aug 2019
Rre Keitumetse Mmoloki, mogolwane kwa Debswana a re lehuma le tlhokisa motho boleng le seriti.
Rre Mmoloki o buile jaana kwa Mmatshumo ka Laboraro fa a rola matlo a le mabedi a kamore e le nngwe a a agilweng ke khamphane ya Wepex Geotechnical ka P50 000.
A re Debswana e rotloetsa dikhamphani tse ba dirang le tsone go abela setshaba se ba direlang mo go sone. Rre Mmoloki a re ba motlotlo go bo ba rola matlo a ka se se tsamaelana le moono wa puso le maitlamo a Debswana a a reng, ‘Show we Care’.
O akgoletse Wepex tiro eo ya bopelotlhomogi, a re go a itumedisa go bona khamphani e tshwana le bone, e na le bokao mo go arabeng selelo sa puso sa go tshwaraganela go lwantsha lehuma mo lefatshe leno.
Rre Mmoloki o lebogile badiri ba Wepex go bo ba ne ba tsenya diatla mo kagong ya matlo, mme a ba kgothatsa go tswelela ba supa mowa o montle wa go dira pharologanyo mo matshelong a batho ba Boteti le Botswana jotlhe.
O kgothaditse ba ba thusitsweng go tlhokomela matlo gore a ba sologele molemo le mo nakong e e tlang.
Fa a amogela dimpho, Kgosi Keletshwaretswe Phetsogang wa Mmatshumo a re thulaganyo ya go aba ke selo se se molemo.
Kgosi Phetsogang o lebogile VDC e e sa tswang go wetsa tiro a re ke yone e duleng ka mogopolo o, ya ba ya rwala ditlhako go ya go kopa dithuso kwa Wepex.
Mme Keleemetse Machechisa le Mme Gabaikanngwe Inchie ba e leng bone beng ba matlo, ba ne gape ba abelwa materase a le lesome le motso le dikobo di le nne le dijo.
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mmatshumo, Mme Tumane Seganabeng a re Mmatshumo o sego go bo a na le VDC e e kgonang go bona batlhoki mme e ba kopele dithuso.
Mme Seganabeng a re letlhoko la bonno jo bo siameng, dijo le diaparo, di dira gore motho a seka a tshela sentle. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Mmatshumo
Event : Tholo ya matlo
Date : 29 Aug 2019