Breaking News

Bomme ba gwetlhiwa go gweba ka matlakala

29 Aug 2019

- Mogolwane wa kompone ya Sunshine Eagle Worth, Mme Florah Mmereki, o gwetlhile bomme go inaakanya le go busetsa matlakala mo tirisong ka go dira didirisiwa tse ba ka gwebang ka tsone go itshetsa.

O buile jaana jaaka ba lephata la Environmental Health kwa khanseleng-potlana ya Hukuntsi ba ne ba tshwere letsatsi la thuto-puisanyo la go ruta setshaba ka go busetsa matlakala mo tirisong.

A re go le gantsi batho kwa malwapeng le madirelo ba latlha matlakala ba sena kelelelo ya gore a ka busediwa mo tirisong, a supa fa go busetsa matlakala a tshwana le dipolaseteke, mabotlolo, matsela, dipampiri le tse dingwe go ka thusa go fokotsa kgotlhelesego ya tikologo.

Mme Mmereki a re go le gantsi matlakala ao, a latlhelwa kwa mafelong a matlakala, a a supileng a tshubiwa mme a tlhalosa fa dikhakha, le tse dingwe di dirilwe ka metswako ee reng ka nako ya fa a tshujwa a ntsha gase ya ‘methane” e a  supileng e le nngwe ya digase tse di nang le seabe mo go thuthufaleng ga loapi.

Ka jalo, o ne a gwetlha batsena pitso eo gore ba simolole go farologanya matlakala a bone kwa malwapeng le gone gore ba rutuntshe bana ka bomosola joo jwa go kgaoganya matlakala, mme a kopa dikhansele go tla ka melawana e e tlamang batho go farologanya matlakala a bone kwa malwapeng.

Mme Mmereki a re tikologo e e kgotlhelesegileng e ka ama botsogo jwa batho, matshelo a dimela le diphologogolo ka jalo seo se felelele se nyeletsa lobopo ka ponyo ya leitlho.  A re ntswa lefatshe leno le lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la ditiro, bontsi bo ka itshetsa le ba malwapa a bone ka go bula madirelo a a dirang ka matlakala.

A re seo, se ka thusa bontsi go atolosa dikgwebo tsa bone, segolo bogolo bao ba thusitsweng ka mananeo a nyeletso lehuma go ka tswakanya ditrelo tsa dikgwebo tsa bone ka go simolola tse di itebagantseng le go busetsa matlakala mo tirisong.

Fa a afa maikaelelo a pitso, mothusa mokwaledi wa khansele- potlana ya Hukuntsi, Rre Joseph Banyatsang, o ne a supa fa pitso eo, e le tsela nngwe ya go rutuntsha le go rotloetsa banni ba metse ka botlhokwa jwa go busetsa matlakala mo tirisong.

A re pitso eo, gape maikalelelo a yone, ke go tla go supegetsa setshaba didiriswa tse di ka dirwang ka matlakala gammogo le gone go rotloetsa bao ba setseng ba segile tema mo go direng dithoto dingwe ka matlakala.

O ne a supa fa pitso e, e kopantseng dikgosi le baeteledipele ba dikomiti tsa metse,ka jalo a re moo go tla a thusa gore ba fetisetse molaetsa wa tiriso ya matlakala kwa banning ba dikgaolo tsa bone. O boletse fa dikomiti tsa metse di tlaa abelwa dietsele e le tsela nngwe ya go rotloetsa bophepa mo metseng ya bone.

Kgosi Merapelo Tshweneyagae o supile fa tiriso botlhatswa ya dikhakha e ile magoletsa mo dikgaolong ka go farologana, ka jalo a gwetlha setshaba go di dirisa ka fa tshwanelong.

A re dikhakha di na le ditlamorago tse di setlhogo ka di diruiwa di felela di dija, mme se, se bake kwelo tlase ya theko ya nama ya dikgomo kwa mebarakeng e sele, le gone gore go ka ama mohama wa bojanala, fa diphologolo di bolawa ke dipolaseteke.

A re fa setshaba se ka tsibogela dithuto tsa tshomarelo tikologo, puso e tlaa fokotsa go dirisa madi a mantsi mo go ageng mafelo a go latlhelwang matlakala kwa go one mme madi ao a dirisiwe mo ditlhabololong tse dingwe.

Fa a afa malebo, modulasetilo sa khansele-potlana ya Hukuntsi, Mme Goratwamang Tlhage, o ne a iteela dikomiti tsa metse legofi ka gore seabe sa tsone sa go phepafatsa metse se bonala ka jalo a ba gwetlha go tswelela ka mowa wa boithapo go tlhabolola kgaolo ba sa baa fela mo pusong.

Mme Tlhage o ne a gwetlha banana go tsenelela pitso ya tiriso matlakala ka jaana ba ka anywa go le gontsi go itlhamela diphatlha tsa mebereko ka e le bone segolo ba babalelwang ke manokonoko a go tlhoka ditiro. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Hukuntsi

Event : Thuto-puisanyo

Date : 29 Aug 2019