Takataka ga a tshwane le tshoo
29 Aug 2019
Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto, Mme Neo Tsietso, o iteetse legofi makgarejwana le makawana go tswa mo metseng e e kgakala le ditlamelo mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone, morago ga gore ba abele dikole tse dipotlana tsa Maitshoko le Ncaang makgolo a matlhano a dipula sekole sengwe le sengwe, le se segolwane sa Lehututu mesangwana ya basetsana, e le tsela nngwe ya go rotloetsa thuto.
O supile fa ka 2012 puso e ne ya bolotsa letsholo la gore dikgwebo tse di ikemetseng gammogo le batho ka bongwe ka bongwe ba ikabele dikole mo dikgaolong e le tsela nngwe ya go thusa puso morwalo.
Mme Tsietso a re lenaneo leo, le ne le rokotsa mathe mo dingwageng tse tlhano le sena go simolodisiwa ka jaana bontsi bo ne bo tla ka mmetela go araba dilelo tsa dikole mo dikgaolong ka go farologana.
Ka maswabi, Mme Tsietso a re gompieno dipaka di fetogile, ka jaana ba itemogela kwelo tlase ya dipalo tsa barotloetsi mme a supa fa seo e le letshwenyego ka jaana seemo sa dikolo ka bontsi di santse di lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya ditsompelo.
Le fa go le jalo, o ne a akgolela makgarejwana le makawana ao a bo a ba kgothatsa gore ba tswelele ka mowa wa bopelotlhomogi ka ba ka tsisa pharologanyo mo matshelong a banni ba dikgaolo tsa bone go nna a a itumedisang.
Fa a tswa la gagwe, Mme Oratile Mosenene a re ba ne ba tswa ka mogopolo wa go otlolola letsogo kwa go ba ba tlhokileng lesego mo botshelong, mme ba tla ka mogopolo wa go kokoanaya madi.
Mme Mosenene a re ba ne ba tlhwatswa dikoloi gammogo le go rekisa dijo e le tsela ya go kgobokanya madi go ka thusa go fitlhelela mogopolo wa bone wa go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
A re ba ne ba kgona go kokoanya P3 495 a ka one ba neng ba rekela baithuti ba sekolo se se segolwane sa Lehututu mesangwana ya bomme le marokgwe a ka ga teng a bana ba ba basimane.
Mme Mosenene a re mesangwana eo, e tlaa thusa bana ba basetsana ka jaana bangwe ba nna kgakala la batsadi le gone gore ba seka ba tlolwa ke dithuto ka nako ya fa ba le mo setswalong.
Fa a a maikaelelo a go aba ga batsenelela kgaisano ya mmabontle le rabontle, mothusa mokwaledi wa khansele, Rre Joseph Banyatsang, o ne a supa fa kgaisanyo eo ya bommabontle le borabontle e tshwarwa ngwaga le ngwaga.
A re maikaelelo magolo ke go epolola le go godisa talente mo bananeng ba ba nnang mo metseng e e kgakala le ditlamelo, selo se a kaileng.
Gape a re go aba go tlaa thusa setlhopha seo gore se seka sa inyatsa ka jaana le bone ba na le bokgoni jaaka monana mongwe le mongwe yo o nnang kwa ditropong le metse e megolwane.
A re mo kgaisanyong eo, ba rotloediwa go tsenya letsogo mo ditirong tsa bopelotlhomogi mo tikologong e ba tshelang mo go yone e le tsela e nngwe ya go ba rutuntsha gore ba ka emelelana le diemo tsa botshelo jang.
Mogokaganyi wa lenaneo la Remote Area Development Programme Rre Aidoo Leshope, o ne a supa fa thuto e le yone konokono mo go tlhabololeng motho.
Ka jalo o ne a gwetlha ba khansele-potlana le makalana ka go farologana gore ba seka ba ipona tsapa ka go nna ba ikatumetsa banni ba metse e e kgakala le ditlamelo go nosetsa thuto mo go bone, a supa fa seo se ka ba solegela molemo mme ba kgone go fetola matshelo a metse ya bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Hukuntsi
Event : Kabo dimpho
Date : 29 Aug 2019