Morafe o lebogela tirisano le mopalamente
28 Aug 2019
Kgosi John Seabe wa Botshabelo kwa Selebi Phikwe a re boineelo le bopelotelele jwa ga Rre Nonofo Molefhi ke tsone tse di mo kgontshitseng go etelela morafe wa Selebi Phikwe Botlhaba pele.
O buile jaana jaaka banni ba kgaolo ya Botshabelo le Ikageleng ba ne ba laela mopalamente wa bone bosheng kwa Selebi-Phikwe. Rre Molefhi o na le dingwaga di le lesome le botlhano e ntse e le morongwa wa bone. A re tshwaragano ya bone le mopalamente e ba kgontshitse dilo di le mmalwa.
E rile a ba ema ka lefoko, Rre Molefhi o ne a tlhalosetsa banni ba Botshabelo le Ikageleng fa a tsile go ba laela mme a lebogela tirisano mmogo ya gagwe le bone.
Rre Molefhi o ne a supa fa a kgonne ditiro di le dintsi ka kemo nokeng ya morafe le fa tse dingwe di santse di saletse kwa morago, a supa fa ba ba tlaa tlang kwa morago le bone ba tlaa ya go tsweledisa fa a emeng teng.
O ne a ba sedimosetsa fa maiteko a go tsosolosa itsholelo ya Selebi Phikwe a tsweletse le ntswa go tsamaya ka bonya.
O supile fa tiego e bakwa ke letlhoko la madi gore go tsenngwe ditlamelo di tshwana le metsi, motlakase le kago ya ditsela kwa ditsheng tsa dikgwebo, mme a supa fa go tlaa dirwa jalo mo bogaufing.
Rre Molefhi o ne a tlhalosa fa maikaelelo a puso e le go netefatsa gore batho ga ba nne batlhoki ka go ngoka bagwebi ba ba ka tlhamang mebereko ka se se ka imolola puso morwalo wa go tlhokomela setshaba.
Mo go tse dingwe, Rre Molefhi o ne a supa fa e ne ya re mo bogaufing a ya go kopana le motlhokomedi wa moepo wa BCL yo o neng a tlhalosa fa moepo o le mo tlhokomelong gore yo o nang le kgatlhego ya go o reka a o fitlhele o siame.
O ne a supa fa motlhokomedi wa moepo a na le megopolo e e tsamaelanang le ya puso ka go batla ba ba ka rekang mmu wa BCL ka bofefo mme a tlhalosa fa go setse go na le ba ba supileng kgatlhego mo go one.
Rre Molefhi a re se se ka thusa gore e re go santse go letetswe theko ya moepo go bo go na le kwa batho ba tsentseng letsogo teng go itshetsa.
Le fa go ntse jalo, Rre Molefhi o ne a tlhomamisetsa morafe fa a tlaa tsweledisa tiro e a ntseng a e dira ya go rotloetsa maduo a mantle a dikoleo tsa SelebiPhikwe ka go abela dikole le bana ba ba dirileng sentle mo ditlhatlhobong tsa makgaolakgang.
E rile ba akgela mo mafokong a ga mopalamente, mongwe wa bagolo Rre Omponye Ditau o supile fa ba tswa kgakala ba kopa gore palamente e supiwe mo setshwantshong sa motshikhinyego go bona gore a ba ba ba romileng ba dira tiro, mme nako kgolo ke eno.
Mme Susan Batshedi o ne a supa fa melala ya madi a a kolotwang a ditirelo kwa khanseleng a le kwa godimo mo ba sa kgoneng go a duela ka ntata ya letlhoko la madi mme a kopa puso go ba thusa go duela.
Ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Molosiwa Molosiwa o ne a gakolola morafe fa nako ya ditlhopho e le gaufi mme a kgothatsa ba ba ikwadisitseng go ya go tlhopha baeteledipele ba ba nang le boikarabelo.
Rre Molosiwa o ne a ba kgothatsa go tshwaragana le fa go ka bo go na le pharologanyo ya megopolo.
A re go botlhokwa go baya lefatshe la Botswana kwa pele ga sengwe le sengwe gore go tswelele go na le kagiso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Taelo Mopalamente
Date : 28 Aug 2019