Ba Mochudi Bophirima ba a iphesa
28 Aug 2019
Borre ba ba ikaelelang go emela ditlhopho tsa bopalamente kwa Mochudi Bophirima ba kopile banni ba kgaolo eo go ba fa sebaka sa go tlhabolola metse ya bone ka tlhopho.
Borre Alfred Pilane yo o ikemetseng, Mmusi Kgafela wa Botswana Democratic Party (BDP), Tona Mooketsi wa Umbrella for Democratic Change (UDC), Lt Col Stephen Linchwe wa Alliance for Progressives (AP) le Gilbert Mangole wa Botswana Movement for Democracy (BMD), ba kopile jalo mo thulaganyong ya ngangisano ya go ipapaletsa ditlhopho tse di tlang.
Rre Mangole, yo e leng mopalamente wa kgaolo, o supile fa a tlaa tlhomamisa gore kokelo ya Deborah Retief Memoral (DRM) se nna karolo ya ditoga-maano tsa setshaba (NDP) fa a ka busediwa kwa palamenteng.
Fa a bua ka maiteko a gagwe a bopalamente mo kgaolong, Rre Mangole a re DRM e ne e tsentswe mo toga-maanong ya bosupa (NDP7), e bile e abetswe madi, mme ka maswabi madi a ne a isiwa gosele go sena tlhaloso.
A re ene le Rre Molebatsi, yo e leng mopalamente wa Mochudi Botlhaba, ba dirile maiteko a go kgobokanya madi a go agela Bakgatla leobo mo kgotleng kgolo ya Mochudi. “Leobo le le tlhoka P15 million go agwa, mme ka maiteko a rona le makhanselara, re setse re kgobokantse P3 million, e bile ke tlhomamisa gore fa ke boela kwa palamenteng, leobo re tsile go le fetsa,” ga tlhalosa Rre Mangole.
O ne a supa gore fa e sa le e nna mopalamente, o tlhomamisitse gore metse yotlhe e e neng e saletse morago ka kanamiso ya motlakase mo kgaolong e gokelwe motlakase.
“Kabo ya lefatshe gore go agwe mmolo wa Pilane ke nna ke neng ke eme ka dinao e le gore goromente yo o lebaneng le kabo ditsha o leka maretshwa a go gana ka lefatshe,” a tswelela.
Rre Mangole a re o ipela ka go re ke ene a dirileng gore mabeelo a leokwane la setshaba a seka a fudusediwa Francistown jaaka go ne go rulagantswe ke puso.
“Ke kopa gore le mpusetse kwa palamenteng Bakgatla ke tle ke lwantshane le gore tsela ya Malotwane e dirwe ka ke yone e bileng e ka thusa mosuke wa A1,” go bua Rre Mangole.
Rre Kgafela wa BDP ene a re bukana ya bone ya maitlamo e dirilwe go sena go rerisanngwa le Batswana, ka jalo, e tshwere maikutlo le ditharabololo tse Batswana ba di batlang.
“E bile gape maitlamo le maikaelelo a Vision 2036 le NDP 11 a mo bukaneng e,” a tlhalosa.
O ne a supa fa Batswana ba tshwanetse go lebelela se Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a se dirileng fa a sale a nna mo setilong.
“Diphetogo le ditlhabololo tse a tsileng ka tsone ke sekao sa gore BDP e santse e ka direla Batswana go le go golo,” Rre Kgafela a tlhalosa. O ne a supa gape fa a itlama go bereka le Tautona Masisi go lwantsha tshwenyetso setshaba ka go supegile gore itsholelo ya lefatshe e ka phutlhama fa go sa dirwe sepe.
A re ene o batla go dira go tlala ka diatla a tlhabololae Bakgatla le lefatshe, mme se o batla go se dira le makhanselara a phathi ya gagwe.
O ne a supa gore ene ga se motho le go tshephisa magodimo ka go bolelela Bakgatla gore o tsile go dira meleko kwa palamenteng, e bile ga a batle go ipala ekare o tlaa kgona a le nosi.
Rre Kgafela o supile fa a tsile go itebaganya le ditsela, dikago le go fefosa kabo ya lefatshe.
“E bile Tautona Masisi o setse a dirile gore ditsetlana tsa tiriso ya lefatshe di tokafadiwe gore di seka tsa kgoreletsa batho,” a tlhalosa.
O ne gape a itlama go bereka le banana gore ba anywe mananeo a puso le go ba ruta gore kgwebo e dirwa jang ga mmogo le go ba rotloetsa gore ba seka ba phuaganya mo tseleng.
Rre Kgafela o ne a supa gore dipego tsa gore kokelo ya DRM e agilwe ke Dutch Reformed Church e se boammaaruri, mme boammaaruri ke gore se agilwe ke Bakgatla.
Fa a tswa la gagwe, ntlhopheng wa AP Lt Col Stephen Linchwe o supile fa a ikaegile ka matshego a le mararo.
A re letshego la ntlha ke go dira sengwe le sengwe mo pontsheng le go dira gore makalana a twantsho borukutlhi le a mangwe a a sekasekang tsamaiso a ikemele ka nosi.
“Mo malatsing a a lekgolo a ntlha re sena go tsaya puso, re solofetsa gore makalana otlhe a a lwantshang borukutlhi le a a sekasekang tsamaiso a tlaa bo a ikemetse ka bonosi,” ga rialo Lt Col Linchwe.
A re labobedi ke botsogo ka balwetse botlhe ba Kgatleng ba fetisediwa kwa Gaborone ka DRM e sa tlhole e berekafela sentle.
“Sa boraro ke thuto le pabalesego ya bana ba rona,” a tlhalosa.
A re go a swabisa go bona bana ba bannye ba ya dikoleng maphakela mo fifing, go sena dipone le gone go nna teng ga mapodisi.
A re e le ba AP, fa ba tsaya puso ba itlama go tsenya dipone mo mebileng le go dira ofisinyana ya sepodisi gore mapodisi a kgone go bonala.
Lt Col a re sengwe le sengwe se ikaegile ka lefatshe mme ka Batswana ka bontsi ba sena lefatshe, botshelo jwa bone bo eme golo go le gongwe. A re phathi ya AP e eletsa go tsisa Botswana yo mosha mme maikaelelo a, a ka diragadiwa ke Batswana. Rre Mooketsi wa UDC a re o eletsa go tsisa diphetogo mo matshelong a Batswana, fela jaaka ba itlamile ka bukana ya bone ya maitlamo.
“Rona re itebagantse le dikgwetlho tsa Batswana e bile re ba solofetsa gore re tsile go sekaseka molao wa perako re be re tsenya tsetla e e amang tiro ya sennela ruri, re re madi a kamogelo a tshwanetse go simolola fa go P3 000 go ya kwa godimo,” a rialo. A re e le ba UDC, ba tsile go okeletsa bagodi madi go ya kwa go P1 500 gore ba kgone go itshetsa.
O supile fa ba tsile go fetola thuto ka go tlhomamisa gore bana ba simolola go rutwa kwa dikoleng ka tiriso ya maranyane a dikhomputara. “Bana ba basetsana bone re tlhomamisa gore re tsile go ba abela mesangwana gore ba seka ba sokola,” a tswelela.
A re o eletsa gore a fiwe tlhopho a ye palamenteng gore a tle a kgone go fefosa phetolo ya tiriso ya lefatshe la Mmamashia le Ramodibe. Rre Mooketsi a re lefatshe le ba eletsa gore e nne la madirelo mme gape le ditsha tsa bonno di nne teng.
“Puso ya UDC e itlamile go dira ditiro di le 100 000 mme ke eletsa gore bontlha bongwe jwa tsone di nne mo Mochudi Bophirima,” a rialo Rre Mooketsi. A re toropo ya Gaborone e feletswe ke lefatshe mme selo se e ka nna monyetla wa kgaolo ya gagwe go dirisa lefatshe go tlhama dikgwebo le mebereko.
Rre Alfred Pilane, yo e leng moema nosi, o supile fa kgaolo ya Kgatleng e na le dikgwetlho tse dintsi, mme a eletsa gore batlhophi ba mo lekeletse ka a na le dikakanyo tse disha. A re kgwetlho e tona ke go re Bakgatla ga ba na Kgosi ka a lelekilwe ke puso mo lefatsheng, mme go tlhokega tharabololo e e tsepameng.
“Re na le lebala la ditshupo le le tonatona mme ga le dirisiwe,” go supa Rre Pilane. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Omphile Ntakhwana
Location : Mochudi
Event : Ngangisano
Date : 28 Aug 2019




