Breaking News

Tiriso ya Dikausu Tsa Bomme e oketsegile

27 Aug 2019

Mogolwane wa tsa botsogo kwa kgaolong-potlana ya Moshupa Dr Malebogo Rauwe a re tiriso ya sekausu sa bomme e oketsegile fa go tshwantshanngwa le fa di simolodisiwa.

O ne a araba dikakgelo le dipotso tsa makhanselara kwa phuthegong ya khansele-potlana eo bosheng jaaka ba ne ba supa fa dikausu tsa bomme di sa dirisiwe ka mabaka a monko o o bosula le go tsosa modumo.

Le fa go ntse jalo Dr Rauwe o ne a ba tlhalosetsa gore morago ga dipatlisiso tse di tseneletseng le kabelano megopolo fa gare ga ba botsogo le setshaba, sekausu sa bomme se ne sa tlhabololwa, ka jalo ga se sa tlhole se na le monko le modumo tse di neng di tsala pifelo.

O ne a ba kgothatsa gore jaaka e le baeteledipele ba morafe ba tshwanetse go kgothatsa batho go dirisa sekausu seo go thibela boimana jo bo sa rulaganyediwang le malwetse a tlhakanelo dikobo.

O boletse fa tiriso ya sekausu sa bomme e tshwanetse ya rotloediwa thata ka jaana e thusa gore le bone ba nne le maikarabelo a go tsaya ditshwetso mo go tsa tlhakanelo dikobo go na le go neela borre boikarabelo jotlhe.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Dr Rauwe o supile matshwenyego mabapi le dipalo tse di kwa godimo tsa boimana jwa bana ba dingwaga tse di kwa tlase.

A re ntswa a ne a sa tshwara dipalo ka nako ya a buisa phuthego eo, go supagetse fa boimana jo bo remeletse thata mo baneng ba dikole tse dipotlana le tse dikgolwane, fa manoto e le ba ba sa tseneng sekole.

O kopile batsadi le setshaba ka kakaretso go thusanya go kgalemela bana gore dikgang tsa mofuta o di fokotsege.

Makhanselara a bile a ngongoregela tlhaelo ya melemo mo dikokelwaneng tsa kgaolo ya bone.

Fa a araba kgang eo o boleletse fa kgaolo-potlana ya bone e sena mabeelo a a lekaneng a melemo, ka jalo ba tsisa melemo ka selekanyo se se kwa tlase gore e tsene e tswa.

 Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa go dira jaana go ba baya ka fa mosing ka jaana dinako tse dingwe ba fitlhela melemo e seyo kwa mabeelong a magolo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : Moshupa

Event : Phuthego ya khansele-potlana

Date : 27 Aug 2019