Kereke e rotloediwa go potlakela matlhoki a batho
26 Aug 2019
Mopalamente wa Molepolole Borwa, Dr Tlamelo Mmatli o rotloeditse kereke go potlakela go tlamela letlhoko la batho pele ga ba ka rerelwa lefoko la Modimo.
Dr Mmatli o buile jaana fa a ne a simolodisa semmuso letsatsi la botsogo le le neng le rulagantswe ke UCCSA kwa Molepolole.
O tlhalositse fa lefatshe le tletse khumanego mme kereke e lebanwe ke kgwetlho ya go tswa ka mananeo a a ka thusang.
Dr Mmatli a re o buisiwa se ke gore go thata gore motho yo o gateletsweng ke botlhoki kgotsa a tshwerwe ke tlala a amogele thero.
Fa a itebaganya le molaetsa wa tiro ya letsatsi o o reng,; Botsogo Jwa me, Boikarabelo Jwa me, Dr Mmatli o boletse fa a itumelela kgato e UCCSA e e tsereng go tsena mo moonong wa puso le lekgotla la ditshaba la botsogo (WHO) go rotloetsa maloko go tsaya botsogo jwa bone ka tlhoafalo go tila malwetse.
O rotloeditse kereke go rotloetsa itshidilo mmele le go dira gore kereke e natefelele basha.
Dr Mmatli o gateletse gore puso e ka dira sengwe le sengwe mme kwa bofelong go mo maruding a mongwe le mongwe go tsaya boikarabelo ka botsogo jwa gagwe.
Dr Mmatli o tlhalositse fa malwetse a a sa tshelanweng a bolaya batho ba le bantsi ntswa a ka thibelwa.
A re WHO e tlama mafatshe gore e re ka 2030 malwetse a, a bo a fokotsegile.
Ngaka ya botsogo le tlhaloganyo, Dr Mohammed Sadique, o tlhaloseditse phuthego gore bolwetse jwa kgatelelo maikutlo jo bo tumileng bo dirwa ke go tlhakatlhakana maikutlo mo moweng le mo mmeleng.
A re kgatelelo maikutlo ga se gore ke selo se se bosula nako le nako e bile e a farologana.
A re go na le gore maikutlo a a tlhakatlhakaneng a ka simolola go le gonnye, kgotsa a nne fa gare a bo a felele a feteletse a le kwa godimo.
Dikai tsa maikutlo a a tlhakatlhakaneng a re di ka itshupa ka go opiwa ke tlhogo, letsapa mo mmeleng, botlhoko mo mokwatleng le go tshabelelwa ke go dira diphoso.
O tlhalositse fa bolwetse jo bo ka thibelwa.
Dingwe tse di ka dirwang go thibela tlhakatlhakano maikutlo a re ke go itshidila, go tokafatsa puisano, go arogana dikakanyo tse o nang le tsone le ba bangwe le go robala mo go lekanetseng.
E rile fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi, Mme Portia Seduledi a re letsatsi leo, le ne le direlwa go rotloetsa phuthego go tsaya boikarabelo ka botsogo jwa bone le go ba ruta ka tsa botsogo.
Mme Seduledi a re kereke e ne e tshwentswe ke gore puso e babalelwa ke dituelo tse di kwa godimo tsa botsogo mme ba bona go le botlhokwa go ruta morafe go itlhokomela le go thibela malwetse, go fokoletsa puso mokgweleo.
Letsasi le, le simolotse ka mogwanto le itshidilo mmele, go ilthatlhobela malwetse ka go farologana le go aba madi a mmele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Letsatsi la botsogo
Date : 26 Aug 2019