Bosele e itlama go tsosolosa ngwao
26 Aug 2019
Batsadi ba rotloeditswe go nna ba isa bana kwa meletlong ya ngwao go tla go ithuta go le gontsi ka ngwao ya Setswana.
Go rotloeditse jalo mothusa tautona wa pele Rre Ponatshego Kedikilwe kwa moletlong wa ngwao, o o neng o rulagantswe ke ba otele ya Bosele kwa Selebi Phikwe bosheng.
Rre Kedikilwe o ne a kgothatsa batsadi ba ba neng ba tshologetse moletlo go nna ba tsisa bana mo ditirong tsa go nna jaana ka ba ka ithuta go le gontsi ka ngwao ya Setswana.
O ne a supa fa go itumedisa go bona Batswana ba santse ba kgatlhegela ngwao, mme e bile ba bona go le mosola go e keteka.
A re lefatshe la Botswana ke lengwe la a mabotlana mo Afrika le batho ba lone ba santseng ba tshelela mo kagisong, a re se se supiwa ke go kopana ga batho ba bo ba ipela mmogo.
O ne a kopa setshaba go tswelela ba tshegetsa lorato le mowa wa kutlwelobotlhoko ka e le tsone tse di bopaganyang setshaba.
Rre Kedikilwe o ne a kgothatsa le go leboga ba Cresta Bosele go tswelela ka tiro e ntle e ba e dirang, a ba kgothatsa go gatelela thata puo ya Setswana ka go supagala e nyelela, bogolo jang mo baneng ba ba tswang kwa tlase.
O ne a supa fa go le botlhokwa go kwala ditso, ka go dira jalo go ka thusa dikokomane tse di tlang go itse ditso le ngwao.
E rile a amogela baeng, mookamedi wa otele eo, Rre Julius Keepilwe a supa fa moletlo o o setse o na le dingwaga di roba bobedi o ntse o ketekwa.
Rre Keepilwe a re maikaelelo a bone ke go tsosolosa ngwao ka go apaya dijo tsa setso, kapari, mmino le metshameko ya Setswana.
O ne a tlhalosa fa moletlo wa go nna jaana, o golaganya setshaba ka go tla mmogo ba amogana dithuto le maele a a ka thusang go tsamaisa malwapa go setswe ngwao morago.
O ne a supa fa Bosele e sa leba go tsaya madi fela mo Batswaneng mme ba tokafatsa matshelo a ba ba sa kgoneng.
E ntse e le kwa moletlong oo, Cresta Bosele e ne ya abela ngwana yo o tshelang ka bogole bolao, dikobo, dijo, setofo le P2 000.
E rile a amogela dimpho tse, Mme Gorata Batlang yo e leng motsadi wa ngwana, a supa fa dimpho tse di ya go mo thusa go tlhokomela ngwana ka dilo dingwe a ne a sa kgone go di mo direla ka a sa bereke.
Ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Molosiwa Molosiwa o ne a re o lemoga maiteko a a dirwang ke dikompone mo go tlhabololeng matshelo a Batswana, a re se se supa kutlwelobotlhoko. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE -
Event : Moletlo wa ngwao
Date : 26 Aug 2019