Breaking News

Go kopanngwa ga Suping le Molepolole go beile banni ka fa mosing

26 Aug 2019

Banni ba Suping ba ikuetse kwa lekgotleng la kabo ditsha le le botlana la Molepolole kgatlhanong le gore motse wa bone e nne bontlha bongwe jwa Molepolole.

Banni ba supile dingongora ka mokwalo o ba neng ba o kwaletse lephata la kabo ditsha.

Kgang e e tlhagile mo phuthegong ya lephata la kabo ditsha le morafe kwa Suping bosheng.

Dintlha kgolo tsa dingongora tse ya nna gore go nna bontlha bongwe jwa Molepolole go beile banni ba Suping ka fa mosing e bile ba ipotsa gore tshwetso eo e tserwe ka mabaka a fe ka go sa nna le morero o o nitameng. Banni ba nankontse dintlha di le mmalwa tse mo go tsone ba batlang dikarabo go tswa kwa lekgotleng la kabo ditsha. Kgang kgolo e ba e ngongoregetseng ke go tlhoka go rerisiwa fa go tsewa ditshwetso tse di amang motse wa bone.

Ba ngongoregetse gape gore ga ba bewe ditsha e bile ba ipotsa gore ke eng go twe ke bomaipaafela mme ba tsaletswe kwa Suping.

Ntlha e nngwe e e sa ba jeseng di welang ke go re ba tseetswe masimo mme go bo go bewa masimo a mangwe.

Banni ba bile ba kopa gore ba bolelelwe gore ke eng ditsha tse di leng teng di sena dinomoro ntswa go twe ke bontlha bongwe jwa Molepolole, ba tlatsa ka go re ba fiwe moalo o o supang mekono ya motse wa bone.

Mo dilong tse tsotlhe, banni ba re go kopanngwa ga motse wa bone le Molepolole go ya go dira gore Molepololele a o metse.

Ba re diphetogo tse di utlwisa botlhoko ka lebaka la gore go thata go ntsha motho fa a goletseng teng e bile go botlhokwa gore motho a akole bothito jwa fa a goletseng teng ka e bile e le sone se se mo kayang gore ke mang, o tswa kae ga mmogo le letso la gagwe.

Modulasetilo wa lekgotla le le botlana la kabo ditsha la Molepolole, Rre Edison Mphuthe o boleletse banni ba Suping gore ke boammaaruri e ne ya re ka Motsheganong ba amogela mokwalo o o neng o supa boikuelo go tswa kwa morafeng wa Suping mabapi le tse di amang lefatshe mo motseng wa bone.

O tlhalositse fa ba lerile dikarabo tsa boikuelo joo kwa morafeng wa Suping.

Sa ntlha, Rre Phuthe o tlhalositse gore e ne ya re ka 2013, puso ya tsaya tshwetso ya go re metsana mengwe e lemogwe e be e dirwa gore e tsee ditlamelo kwa metseng e e gaufi le yone kgotsa fa go kgonagala di tsisiwe kwa mafelong ao.

A re metsana e ka tshwara lesome le bone e ne ya lemogwa ka one mabaka ao.

O tlhalositse gore ka Suping a le gaufi le Molepolole, go tserwe tshwetso ke puso gore a diriwe bontlha bongwe jwa Molepolole.

A re lekgotla la kabo ditsha le rerisantse le morafe go potiela gore go na le eng mo motseng.

A re go ne ga tshwantshiwa dijarata tse di neng di le teng ka nako eo gore di fiwe ditlankana mme go direlwa fela ba e rileng go dirwa mealo ba bo ba le teng.

Rre Mphuthe a re sebe sa phiri ke go re go ipaya go nnile teng morago ga go re lekgotla le supe gore ke bomang ba ba tshwanetsweng go ka fiwa ditlankana.

Modulasetilo o gateletse thata gore tshwetso ya gore Suping e nne bontlhabongwe jwa Molepolole ke ka lebaka la gore go tshwanetse ga nna le ditogamaano tsa gore ditlamelo di tsisiwa jang e bile go nne motlhofo gore ba tsee ditlamelo kwa Molepolole.

Ntlha e nngwe e Rre Mphuthe a e tlhalositseng ke gore fa go dirwa ditshekatsheko ka lefatshe la Suping, go fitlhetswe e le gore mebu ya koo e humile dikotla e bile e siametse temo, ke ka moo puso e tsereng tshwetso ya gore lefatshe la Suping le tlaa nna lefatshe la temo e bile ga go na go bewa ditsha tsa bonno.

O kaile gape gore mo nakong ya gompieno ga go ise go bewe dinomoro mo dijarateng tse di tlhomamisitsweng ka gore ga go ise go potielwe ditsha tseo.

Fa ba akgwa modulasetilo dikgaba, banni ba Suping ba ganne gotlhelele se se buiwang ke lephata la kabo ditsha ba kaya gore se ba se buang ga se boammaaruri.

Ba re ba fetogetse ditumalano e bile ba ba ananyeditse mmutla ka katse.

Rre Moreri Montshiwa, yo e leng leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse a re mafoko a a tlang ka lephata la kabo ditsha ga a na boammaaruri.

A re ga go na morero e bile ba dumela gore ba a dirisiwa morago go bo go twe ba dumetse.

O gateletse botlhokwa jwa morero mo morafeng.

Mme Kaone Gaopatwe o iteetse kobo moroko mafoko a ga Rre Montshiwa a re ke boammaaruri ga go a nna le morero.

A re ka dingwaga tsa 2012 le 2013, go ne ga nna le diphuthego ba bolelelwa gore go tlogetswe mogopolo wa go tsaya masimo.

A re ba ne ba dumalana le lephata la kabo ditsha gore ba busediwe masimo, selo se jaanong ba se boetseng ko morago.

Bangwe ba ne ba kaile fa go dirilwe ka bomo go tsisa badiri ba basha ba ba neng ba seyo fa ditumalano di dirwa ka 2013.

Ba re le fa ba amogilwe masimo, go a pala gore ba beelwe bana ditsha le fa go ne go dumalanwe jalo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Aug 2019