Breaking News

Ditlhwatlhwa tsa dikgomo kwa BMC di palame

26 Aug 2019

Barui ba Kgalagdi Borwa ba rotloeditswe go isa dikgomo tsa bone kwa matlhabelong a Botswana Meat Commission (BMC) gore ba akole ditlhwatlhwa tse di oketsegileng bosheng ka selekanyo sa boraro mo lekgolong.

Thotloetso e, e dirilwe ke mogolwane wa BMC kwa Lobatse, Rre Thabo Mosimanewakgotla mo phuthegong ya kgotla e e neng e rulagantswe ke ba twantsho matlhoko a leruo le ba temo-thuo mo Tsabong bosheng.

Rre Mosimanewakgotla o tlhalositse fa tlhwatllhwa ya dikgomo kwa matlhabelong ao e okeditswe, ka jalo a kgothatsa barui go dirisa matlhabelo ao ka go isa dikgomo ka dipalo tse di kwa godimo go na le gore di swele mo nageng ka ntlha ya leuba le le shenneng meno mo kgaolong eo.

O ne a gakolola barui go itshwaraganya le barui ba bangwe le ba mokgatlho wa Farmers Association go nna seopo sengwe, a re fa ba kgobokantse dikgomo tsa bone ba ka ikgolaganya le BMC, go ba thusa ka sepalamo se se ka ba tseelang dikgomo kwa megotlheng go di isa kwa matlhabelong, mme barui bone ba itlame go duela koloi eo go ya ka ditumalano tsa bone le ba matlhabelo.

Rre Mosimanewakgotla o ne a supa fa go na le mefuta e le mebedi ya marekisetso, e leng a Europa le a mangwe.

O tlhalositse fa a farologana fela ka gore a EU a kwadisitswe semmuso, mme gape ditlhwatlhwa tsa one di botoka go na le a mangwe. Fa a ntsha la gagwe, moeteledipele mo ofising ya twantsho matlhako a leruo mo Tsabong, Dr Elisha Nyakarombo o ne a supa fa ka ntlha ya dituelo tsa BMC tse di nametsang, barui ba tiile moko, a tlhalosa fa ba isa dikgomo beke le beke kwa BMC mo kgaolong.

Mo nakong ya gompieno, o supile fa ba setse ba isitse di le masome mane le bosupa fa e sale ditlhwatlhwa di okediwa.

Dr Nyakarombo o ne a tlhalosetsa barui fa ba simolotse go ba isetsa ditirelo kwa merakeng, go ya go kwadisa loruo. A re seo se tlaa thusa barui go kgothala go isa dikgomo. A re gape go ka ba thusa go itse palo yotlhe ya dikgomo e e mo kgaolong eo.

E rile barui ba akgela, ba ngongorega ka dituelo tsa BMC tse di diegang le ditlhwatlhwa tsa beng ba manontshetso, ba re ba jewa ntsoma.

Gape ban a be ngongorega ka badiri ba lephata la matlhoko a loruo, ba supa fa ba sa dire tiro ka botlalo jaaka pele, ka ba ne ba ba etela kwa merakeng go fa dikgakololo mabapi le loruo le gore ga ba tlhole ba kenta loruo le fa e le go tsenya manyena.

Le fa go ntse jalo, barui ba ne ba akgola ba marekisetso a dijo tsa loruo a BAMB, ba supa fa ba leka ka bojotlhe gore di seka tsa tlhaela barui ka go tsisa dijio tse dintsi tse di lekang barui ba kgaolo eo .

Fa a ba kgwa dikgaba, Dr Nyakaromobo o ne a bolela fa mo nakong ya gompieno lephata la gagwe le sa tlhole le etela barui kwa merakeng ka lebaka la letlhoko la didirisiwa. A re ke sone se barui ba dikgomo tse di fetang lekgolo ba letlelelwang go ikentela fa ba thusa fela ba palo e e kwa tlase.

A re le fa go ntse jalo, fa go na le seemo sa thuso ya potlako jaaka kgomo e haretswe, ba ragogela go thusa morui le gone go dirisa koloi ya gagwe fa go sena sepalamo mo go bone.

O boletse fa gape ba ka thusa morui yo palo ya dikgomo tsa gagwe e fetileng lekgolo ka go mo kentela go tswa fela ka mabaka.

Dr Nyakarombo o ne a supa fa a boloditse letsholo mo kgaolong eo go kentela dikgomo kwatsi, serotswana le molafo wa dintsa, mme a gakolola barui go di phutha gore di tle di kentwe.

O ne a supa fa gape mo bogaufing ba tlaa tshwara palabalo kwa polasing ya Lobu, e ka yone barui ba tlaa kgonang go ithekela matsopa a dipoo tse di tlhabologileng go tokofatsa loruo lwa bone.

Fa a leboga mopalamente wa pele wa kgaolo eo, e bile e le modulasetilo wa lekgotla la barui, Rre John Toto, gammogo le barulaganyi ba phuthego eo, o ne a kopa barui go dirisana le go tshwaragana le lekgotla la bone ka seo se ka thusa go bua ka lentswe le le lengwe ka matshwenyego a bone.

O ne a phophotha legetla ba ofisi ya thwantsho matlhoko a loruo ka diphuthego tse ba di tshwarang le barui, mme a ba kopa go tswelela ba tshwara dithuto-puisano tse ka tsone ba ka rutanang, ba gakololana le gone go tlhatlhelelana ka maele a ba ka kgonang go tlhabolola le go tokofatsa loruo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Aug 2019