Breaking News

Morafe o itlama go tlhabolola Kodibeleng

25 Aug 2019

Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele o gakolotse morafe wa Kodibeleng go tsibogela go sireletsa le go tlhabolola lefelo la Marele le le humileng bontlenyane jwa tlholego.

Marele o mo tikologong e e kgatlhang leitlho, go na le matlapa a mantle, mantswe a teng a na le metlhala ya diphologolo.

Fa a buisa Phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng, Rre Makgalemele o ne a re o tshwenngwa ke go bona morafe o nyafala go tlhabolola lefelo leo, ntswa le na le bokgoni jwa go tsenya madi a a ka thusang go tlhabolola motse.

“Re dumalanye gore mogopolo wa go tlhabolola Marele o tlaa salwa morago, mme ke tshwenngwa ke go bona le didimetse go se nko e tswang lemina. Ga ke eletse go bona lefelo leo le itseetswe ke mongwe a le tlhabolotse go le itirisetsa,” ga tlhalosa Rre Makgalemele.

O kopile morafe wa Kodibeleng go ema ka dinao, a re mananeo a puso a teng a a ka thusang go tlhabolola Marele.

O supile gore badiredi ba ofisi ya boipelego ba ba lebaganyeng le go thusa morafe go loga maano a go itlhabolola ba botlhokwa e bile ba ka kgona go thusa Kodibeleng go tlhabolola Marele.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Gaokgakala Ditsheko o tshephisitse Rre Makgalemele gore morafe o tlaa ema ka dinao go tsibogela kopo ya gagwe ya gore ba tlhabolole Marele gore ba kgone go itirela madi ka bontlenyane jwa tlholego jo bo mo tikologong ya motse wa bone.  

Fa a amogela baeng, motshwarelela kgosi wa Kodibeleng, Rre Bankganeditse Tshokololo o ne a re banni ba motse oo ba ba eletsang go tsena mo thuong ba dirisa mananeo a puso ba kgorelediwa ke letlhoko la metsi.

Rre Tshokololo o supile gore thuo ya dihutshane e bogadi bogaufi, ka e bile e dira sentle kwa Kodibeleng. A re se se tshwenyang ke gore ope yo o eletsang go tsena mo thuong ya leruo a dirisa lenaneo la banana kana la LIMID o tshwanetse a ntsha sesupo sa gore o ya go nosa kae.

“Le fa banana ba na le lorato la go tsena mo thuong ba dirisa mananeo a farologanyeng ba kgoreletswa ke letlhoko la metsi.

Ke lemoga gore thuo mo kgaolong ya rona, ke mpho e e tlhwatlhwa kgolo e e tswang kwa Modimong, mme go ruela mo motseng ga go ntshe maduo ka gore leruo le tlhaelelwa ke metsi,” ga tlhalosa Rre Tshokololo.

O ne a re o dumela gore fa ba ka bona lefelo le ba nosang kwa go lone kwa ntle ga motse, ba ka tswelela.

Kgosi Tshokolo o kopile mopalamente le mokhanselara go thusa ka maano a go rarabolola seemo sa letlhoko la metsi.

O ne a leboga Rre Makgalemele ka go tswelela a gakolola morafe wa Kodibeleng go ema ka dinao, go loga maano a a ka thusang go tokafatsa matshelo a bone.

“Bagaetsho mokoduwe go tsosiwa o o itekang, le fa go na le dikgwetlho, a re tsweleleng ka go iteka re dirise thata le nonofo ya rona, re tlaa kgona.”

E rile a tsibogela kopo ya morafe, mokhanselara wa Otse/Kodibeleng/Ikongwe, Rre Banthasetse Merementsi a supa fa e le nnete go na le bangwe ba ba kileng ba supa fa ba na le keletsao ya go dirisa didiba dingwe tsa koporase ya metsi tse di mo tikologong ya Kodibeleng. Rre Merementsi a re ba koporase ba gakolotse baikopedi bao gore ba ikopanye le lephata le le laolang didiba go tsenya kopo ya bone.

A re le fa ba lephata la metsi ba ne ba se kgatlhanong le kopo eo, go lebega baikopedi ba ne ba nyafala, ka jalo a rotloetsa ba ba eletsang go kopa sediba seo go dira jalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : KODIBELENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Aug 2019