Nyeletso Lehuma e belege Nkele
25 Aug 2019
Moakodi wa lenaneo la nyeletso lehuma Mme Pinkie Nkele a re go botlhokwa gore Batswana ba ikwadisetsa mananeo a puso jaaka la nyeletso lehuma ka le kgonne go mo fa seriti mo setshabeng.
Fa a tlhalosa mo potsolosong le BOPA bosheng, mme Nkele, monni wa kgotla ya Tlhakong kwa Mmathubudukwane, o tlhalositse fa a filwe dipodi ka lenaneo la nyeletso lehuma ka 2015.
Mme yo wa dingwaga tse di masome a mane le botlhano, mme wa bana ba bararo a re ka nako ya a fiwa dipodi, go ne go kwakwaletse, lefatshe le ntse lesetlha ke leuba e bile go le thata go ruao.
Mme a re o ne a seka a kgobega marapo, ya re ka ngwaga wa 2016/2017, seemo sa tokafala mme leruo la simolola go ata.
2018 e ne ya nna ngwaga o mo namagadi mo leruong la gagwe, ka dipodi tsa gagwe di ne tsa tsala tsa tlatsa lesaka, selo se se neng sa mo kgontsha go rekisa di le mmalwanyana.
Morui yo, o rekisa diphorogotlho P1 500 e le nngwe, merobana e tsamaya P1 000.
Madi a a neng a a kgobokanya, mme Nkele a re o ne a gokelela motlakase le metsi mo lapeng, a agelela jarata a bo a reka motlhaba ka a na le keletso ya go oketsa ntlo ya gagwe ya dikamore tse pedi mo bogaufing.
“Mo nakong ya gompieno, ke na le dipodi di le masome a marataro le bone; tse dinamagadi di le masome a mararo, tse ditonanyana di le masome mabedi le bongwe le dipotsane di le lesome le boraro,” a tlhalosa.
O tlhalositse fa bontsi jwa tsone e le merobanyana, ka jalo a santse a di godisa mme e tlaa re fa di sena go goroga mo seemong sa gore di ka rekisiwa ka madi a a botoka, a dire jalo gore a tswelele ka go itlhabolola. Fa a nankola gore kgwebo ya gagwe e rotloediwa ke bomang, Mme Nkele o boletse fa a rekisetsa batho ba motse, bagwebi, manyalo le dintsho.
“Mme ke na le keletso le kgatlhego ya go rekisetsa lenaneo la nyeletso lehuma go thusa ba ba mo seemong se ke duleng mo go sone,” a rialo. Ka e le mme yo o tlhaga, Mme Nkele a re o tsoga moso le moso ka nako ya borataro a ya go tlhola leruo kwa sakeng.
A re fa gare ga nako ya lesome le bongwe le ya bongwe mo motshegareng, o bolotsa dipodi mme a di gatelele go di isa kwa nokeng ya Madikwe go ya go di nosa.
“Motshegare ke tlhola ke di kgaolela ditlhare ke be ke di tsenya mo sakeng ka ga go na phulo.
Ka nako ya botlhano maitseboa ke a di tlhatlhela.”
Ntswa dipodi tsa gagwe di dira sentle Mme Nkele o supile fa a na le dikgwetlho di le mmalwa.
“Ntle le bophokojwe ba ba maoto mabedi, malwetse ke kgwetlho.
Dipodi tsa me di tshwenngwa ke dikgofa fa gare ga maroo le ditlhagala tse dikima mo melaleng.
Mme ba ofisi ya Nyeletso lehuma ba nthusa thata ka melemo le bogakolodi fa ke na le seemo se se ntseng jalo,” a tshwaela.
Mme Nkele o boletse fa podi e le seruiwa se se bogadi bo gaufi mme e bile di se dingalo go di rua, ka jalo o kgothatsa Batswana go tsaya lenaneo la dipodi le go tia moko mo go se ba se dirang gore ba kgone ditoro tsa bone tsa go ka fetoga go nna bagwebi ba tlhwatlhwa le go tokafatsa matshelo a bone.
O boletse fa a na le keletso ya go godisa kgwebo ya gagwe ka go reka dikoko tsa nama. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omphile Ntakhwana
Location : MMATHUBUDUKWANE
Event : POTSOLOTSO
Date : 25 Aug 2019