Go tlhoka tshwaragano go dia koporase go tswelela
25 Aug 2019
Mogolwane wa ofisi ya dikoporase kwa Mahalapye, Mme Keratwe Phatsimo a re le fa go dirilwe tsotlhe tse di tlhokwang, go tlhoka go tshwaragana ga maloko go paledisa koporase ya Ikongwe go tswelela.
Mme Phatsimo o buile jalo kwa phuthegong ya kgotla bosheng e buisiwa ke mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele.
Mogolwane o ne a tlhalosa fa maloko a koporase a setse a rutuntshitswe, sebe sa phiri e le gore ga ba kgone go kopana gore ba fiwe setlankana le dithuto tse di tlaa ba thusang go tswelela ba dira.
Go ngodiega go ithaopa go supilwe e le sengwe sa dilo tse di kgoreletsang koporase go ema ka dinao.
E rile a lekodisa morafe ka seemo sa motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Dikeledi Gaeneleng a re le fa maiteko a le teng a go thusa morafe go loga maano a go itlhotlhora lehuma le go itlhamela ditiro, sebe sa phiri ke go re mowa wa boithaopo o kwa tlase mo Ikongwe.
“Ke tshwenngwa ke go tlhoka go ithaopa ga morafe wa motse wa rona. Ke lemoga e le sengwe se se re busetsang kwa morago.”
Kwa Kodibeleng, Rre Makgalemele o rotloeditse morafe go ema ka dinao ba simolodise koporase gore ba kgone go itlhamela ditiro le go fokotsa lehuma.
O ne a supa gore le fa go se na madi a a ntshitsweng go thusa koporase go simolola, go botlhokwa gore maloko a koporase a nne le mowa wa boithaopo mme ba koleke sengwenyana go simolodisa se ba batlang go se dira.
Le fa go ntse jalo, Rre Makgalemele a re o tlaa tshwaragana le ofisi ya mokwaledi wa khansele-potlana ya Mahalapye, go tlhodumela mo letloleng la madi a lenaneo la ditlhabololo la dikgaolo tsa botlhophi gore dichenchi tse di ka bonwang di thuse go simolodisa koporase ya Kodibeleng.
Le fa go ntse, go tlhalositswe gore koporase ya Kodibeleng e tlhamilwe ka ngwaga wa 2018.
Modulasetilo wa Kodibeleng Multi-Purpose Cooperative, Mme Obusitswe Balemogeng a re letlhoko la madi le ba kgoreletsa go tswelela.
“Re ne re solofeditswe madi, mme ga re ise re bone sepe,”ga tlhalosa Mme Balemogeng.
Mme Balemogeng a re koporase e filwe setsha, mme sengwe sa dikgoreletsi ke gore ba tlhaela kitso ya go tsamaisa koporase.
E rile a tsibogela kgang eo, Mme Phatsimo a supa gore maloko a koporase ya Kodibeleng ba setse ba rutuntshitswe, ka jalo letlhoko la madi ke lone le ba kgoreletsang go tswelela.
“Ba rutuntshitswe pele ga ba ikwadisa.
Le ka nako e ba neng ba fiwa setlankana ba ne ba rutuntshiwa gape.
Gongwe modulasetilo o ka supa fela gore ba setse ba lebetse, ka jalo ba tlhoka go gakololwa tse ba neng ba di rutwa,” ga tlhalosa Mme Phatsimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : IKONGWE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 25 Aug 2019




