Bongaka jwa setso bo sa le teng
22 Aug 2019
Bogologolo pele ga ditlhabololo di goroga, go ise go nne le dikokelo, Batswana ba ne ba thusiwa thata ke dingaka tsa setso ba alafa ka ditlhare le go itse gore isago e ba tshwaretse eng ba dirisa marapo a tse di suleng.
Bagologolo ba ne ba tshepha thata gore dingaka tsa setso di ne di bolela isago le go alafa malwetse ka go farologana, ke sone se ba neng ba bidiwa boreaitse.
Ga twe dikgosi kana ba malwapa a bogosi, ba ne ba na le dingaka tsa bone.
Dingaka dingwe e ne e le bommantswitswidi ba go alafa leruo, malwapa, manyalo, go bitsa pula le go baya bana diphogwana, gape ba alafa boswagadi.
Mo bogompienong bongaka jwa go nna jaana bo santse bo le teng e bile puso ya lefatshe leno e lemoga boleng teng jwa jone, ke gone ka moo go nang le Botswana Dingaka Association.
Ngaka ya setso, Rre Ookeditse Pono wa ngwaga tse di masome a marataro wa kgotla ya Basimane boora Khumo kwa Serowe ke mankge e bile o tumile ka go alafa malwetse ka go farologana ka ditlhare tsa setso.
Ke mongwe wa maloko a Botswana Dingaka Association kwa Serowe, e bile go bolelwa a dirisana le ba bangwe sentle.
Nkadilatlha! Ngaka Pono yo o itsegeng ka leina la ‘Nkoke’ o tumile thata ka go ntsha badimo mo mothong.
A re bolwetse jwa sedimo ke fa masika a motho a a tlhokafetseng a ngongorega thata gore o ba tima dijo kana ba sa kgotsofadiwe ke se se diragalang mo lwapeng lwa bone.
O boletse fa motho yo o bolawang ke sedimo a kgona go tlhoka go tsoga sentle, mme a sa fole le fa a ya kwa dikokelong kgapetsakgapetsa. Rre Pono a re ka jalo, batho ba ya ka mmetela kwa go ena go ba thusa, mme ba thusege, a kaya fa a thusitse balwetse ba le bantsi.
A re bontsi bo tswa kwa dikarolong tse di farologanyeng tsa lefatshe leno le kwa Afrika Borwa tota.
O boletse fa a dirisa ditaola go mmolelela gore molwetse o lwala eng le gore o ka thuswa jang. A re badimo ba mo kaela gore malwetse a alafiwe ka ditlhare di fe le gore fa e le yo a batlang go phasiwa go ka dirwa jalo, fa ele yo o phekolwang le gone go ka dirwa jalo.
Rre Pono a re go phasiwa go tlhajwa podi go bo go lalwa bosigo jotlhe go opelwa, mme fa e le yo ditaola di boletseng gore a phekolwe, go tlhajwa kgomo le podi, go bo go tsisiwa le motsoko, go lalwa go binwa bosigo jotlhe, go jewa dinama tseo tsotlhe di bo di felela.
A re go direlwa kwa sekgweng kwa lefelong le le bidiwang Sebata, a tlatsa ka go re go alafiwa ka podi kgotsa kgomo e e mmala montsho fela. Ngaka a re o neela balwetse ditlhare go di nwa le go mo gasa ka tsone. A re o itse le go tlhaba thobega fa motho kgotsa diruiwa di robegile, mme ‘lerapo le kopana tsi’. O boletse fa bontsi bo thologela kwa go ene, le ba ba lwalang tlhaloganyo tota.
Rre Pono o tlhalositse fa bongaka jwa setso a bo rutilwe ke rraagwemogolo, ka a ne a nna a tsamaya le ene a sikere kgetsi ya ditaola. Jaanong fa a tla mo go lefiweeng, a re o kopa P3 000 kgotsa kgomo, mme a re bangwe ba duela sentle.
Rre Pono a re baruti ba dikereke dingwe ba mo etela go kopa thuso.
A re fa e le batho ba dikgwebo ba sukagana kwa ga gagwe ka nako tse dingwe ba batla gore a dire dikgwebo tsa bone gore di phophome.
O tlhalositse fa a kgona go bidiwa kwa kgotleng kgolo ya Gammangwato go ya go rapelela pula.
Rre Pono o boletse fa e se senatla fela mo bongakeng, a re le go bina a dirisa matlhoa o setswerere.
O boletse fa erile ka 2014 ka dikgaisanyo tsa malatsi a ga tautona a ikgapela P10 000 fa a ne a gaisitse botlhe mo kgaolong ya legare ka go itaya letlhoa.
O boletse fa a na le setlhopha sa mmino wa Setswana sa bomme se se mminelang bobe.
A re o kile a nna kwa morakeng wa ga tautota wa ntlha Sir Seretse Khama kwa Taukome, kwa a neng a mminela teng fa go itumetswe.
Fa ba di boka ditaola, o ka utlwa monna a re; ‘Di khuele monna! Di ole makgolela! sa morerwane, ga se tswe lwapeng, pasopa mosimane o a tsamaya! Mosadi o ka fa botlhabatsatsi o mokutshwane ga a go ratele botshelo o tswetse ditsela tsa gago’’. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Polelo
Date : 22 Aug 2019