Lenaneo le emisitswe ka mabaka
21 Aug 2019
Tona wa merero ya setshaba, mesepele le bong, Rre Ngaka Ngaka a re lenaneo la dithuso tsa bomme le emisitswe ka mabaka a a farologanyeng jaaka go tlhoka go dirisa madi sentle ga ba ba thusotsweng le tlhaelo ya one.
O boleletse banni ba Maun jalo mo phuthegong ya kgotla fa a ba lekodisa ka ditirelo tsa lephata la gagwe bosheng.
A re ba itemogetse fa bomme bangwe ba ne ba kopa madi a dithuso sentle mme morago ba a dirisetsa ditiro tse di sa a lebaganang.
O boletse fa puso e ne e dira lenaneo leo gore bomme ba intshe mo lehumeng la nta e tshetlha mme a kaya fa bangwe ba ne ba simolola go reka dikoloi, go nyala le go dira ditiro ka go farologana tse di sa amaneng gotlhelele le tiriso ya madi ao.
Rre Ngaka o tlhalositse fa e rile go bona seo ba kopana mme ba tswa ka mogopolo wa go re ba emise dithuso ka maikaelelo a go sekaseka ditsetlana dingwe.
A re ba ne ba itemogela gape fa ba tlhaelelwa ke bodiredi go sala morago ba ba tsereng dithuso.
Tona o tlhalositse fa jaanong ba tsile go tlhabolola lenaneo leo gore le kgone go ntsha maduo.
A re ditshekatsheko di tlaa wela mo nakong e e sa fediseng pelo.
Rre Ngaka o ne a bua thata ka kgokgontsho ya bong.
A re go a tshwenya ka jaana dipalo di golela pele le nstwa puso e dira maiteko go e lwantsha.
A re kgokgontsho ke selo se se botlhoko, ka jalo a kopa morafe go ema kgatlhanong le dikgang tsa kgokgontsho ka jaana di ka baka malwetse a tshwana le madi a matona le go huduega maikutlo.
O tlhalositse gore fa kgokgontsho e tsene mo lwapeng e a jwelelela e bo e tsenye le malwetse a a sa foleng.
A re kgokgontsho e ama thata bomme le bana ba basetsana mme a re borre ba amega thata mo dikgannyeng tseo e le bone badira molato.
Rre Ngaka a re nako e tsile ya gore batsadi ba iphe nako ya go bua le bana ka maikaelelo a go fokotsa kgokgontsho e e ileng magoletsa.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Maun Bophiriman, Rre Juwert Molapisi o ne a kopa botsadi go ya go tsaya dikarata tsa bone tsa Omang kwa ofising a re dikarata tseo di dintsintsi.
Moemedi go tswa kwa ofising ya ga mopalamente wa Maun bophirima, Rre Ogaufi Monamodi o ne a lebogela mafoko a ga tona.
A re o file morafe thuto e e maleba.
O bile a re dikgang tsa kgogkontsho di a tshwenya.
A re batsadi bangwe ba santse ba bipa mpa ka mabele go na le go bega dikgang tsa kgokgontsho kwa go tshwanetseng teng.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : Maun
Event : Phuthego
Date : 21 Aug 2019