Modulasetilo o rola madi a phimolo keledi
21 Aug 2019
Modula setilo wa khansele ya Kweneng, Rre Jeffrey Sibisibi o roletse morafe wa Lentsweletau P3.2 million go duela batho ba ba sutetseng tsela ya Lentsweletau/Mahetlwe/Hatsalatladi.
Rre Sibisibi o tlhalositse fa thulaganyo eo, e e weditsweng ka 2010, e ne ya kgorelediwa ke tlhaelo ya madi.
A re o lebogela gore tsela e betlegile gore ba ba amegileng ba phimolwe keledi, le fa go tsere lobaka.
O tlhalositse fa koketsego ya madi ao go nna P3.2 million go tswa mo go P2.2 million e le sesupo sa gore puso e tlhaloganya fa go nnile le kgolo ya ditlhwatlhwa.
Rre Sibisibi o ne a kopa morafe wa Lentsweletau go amogela gore seemo se, se ne se se mo taolong ya bone, mme ba lebogele gore go bonwe madi a phimolo keledi, a tlatsa ka go re maiteko a tsweletse go batla madi a kago ya tsela.
Mangwe a matshwenyego a modulsetilo a neng a a tsibogela e nnile kgang ya tiego ya go wediwa ga ditiro tsa ditlhabololo, ka thobaelo ya go re ‘tiego e tsala tatlhegelo’.
Mongwe wa banni, Mme Ireen Kekgobilwe o supile fa a tshwenngwa ke ditsholofetso tsa gangwe le gape tse di tsayanag lebaka go diragala, a supa fa a tla a belaela gore di amana le go ngoka kemo nokeng ka dikgang tsa sepolitiki.
“Go a tshwenya gore re bo re sale re solofediwa go dirwa ga tsela ka 2008 e le pele ga ditlhopho, mme kgang ya phimolo keledi e le gone e dirwang morago ga dingwaga tse some,” ga bua Mme Kekgobilwe.
Ramaranyane wa khansele, Rre Gaborone Phiri, o kopile ba go fudusiwa ga bone go tlaa amang mabitla go amogela tiego, ka e tlaa rarabololwa ke tona wa lephata la botsogo le boitekanelo, yo e leng ene ka nosi a tshwereng boikarabelo jwa thulaganyo eo.
Mabapi le dikgang tsa gore Khansele e busetse dikomiti tsa ditlhabololo madi a a setseng mo ditirong tse ba di tshwaetsweng, Rre Sibisibi o tlhalositse fa madi a a setseng a dirisiwa go tsweledisa ditiro tse dingwe.
Mabapi le keletso ya kgokelo ya di tower lightsdipone tse di gaseletsang mo Lentsweletau, Mokhanselara Gabaraane o supile fa ba tsere tshwetso ya go dirisa tsa marang a letsatsi ka go supa fa P4 000 wa theko ya motlakase kgwedi le kgwedi a babalela sekgwama sa khansele.
E ne ya re kwa bowelong jwa phuthego eo, molaodi wa kgaolo, Mme Bernice Berman-Mosime a ya go lekola seemo kwa sekoloeng se segolwane sa Motswakhumo le kokelwana ya koo, tse go supagetseng di se mo seemong se sentle.
Gangwe le gape morafe o kopa gore go dirwe sengwe go tokafatsa bothata joo, ka bo ka ama botsogo jwa baithuti le go digela maduo tlase.
Molaodi Bernan-Mosime o ne gape a lekodisiwa fa kokelwana ya motse e e belegisang e sena ditlamelo tse di maleba, gape e tlhoka go ntshafadiwa.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Lentsweletau
Event : Phuthego
Date : 21 Aug 2019