Seemo sa matlakala kwa Sehithwa se a tshwenya
21 Aug 2019
Modiri wa Khansele potlana ya Maun mo lekalaneng la tlhokomelo tikologo mo Sehithwa, Mme Keatlaretse Moyo o gwetlhile banni ba motse oo go tlhagafalela go phepafatsa motse wa bone.
Mme Moyo o buile jalo mo thuto-puisanyong e e neng e rulagantswe ke ba lephata la Environmental Affairs kwa Sehithwa ka Mosupologo.
O tlhalositse fa matlakala a tletsetletse gongwe le gongwe mo motseng oo, mme a re seo se a tshwenya ka botsogo bo tsamaelana le tikologo. Mme Moyo o ne a supa fa khansele-potlana ya Maun e na le dikgaisanyo tsa metse tsa bophepa, mme a re ka maswabi motse wa Sehithwa ga o ke o atlega. Ka jalo o ne a ba kgothatsa gore ba ititeye ka thupana ba simolole go tlhokomela tikologo ya bone ka go tshwara matlakala sentle gore a isiwe kwa go tshwanetseng.
Mothusa mookamela sepodisi sa Sehithwa Assistant Superintendent Moutlwatsi Ikobeng ene o ne a gakolola barui go tlhokomela leruo la bone gore le seka la nna diphatsa mo bathong le tikologo. Rre Ikobeng a re barui ba tshwanetse go netefatsa gore leruo ga le nne diphatsa mo ditseleng tsa dikoloi, mo go ka bakang dikotsi tsa tsela.
O bile a re leruo le le tshwanang le dintsa le ka nna borai fa le loma batho, mme le sa kentelwa molafo, ka jalo a re barui ba tsone ba di ele tlhoko.
Mogolwane wa lephata la Environmental Affairs mo kgaolong ya Bokone Bophirima, Rre Jobe Manga o ne a tlhalosa fa maikaelelo a bokopano joo e le go rutuntsha banni ba motse wa Sehithwa le e e mabapi ka botlhokwa jwa go somarela tikologo le methale e mengwe ya itshetso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Sehithwa
Event : Thuto-puisanyong
Date : 21 Aug 2019