Breaking News

Balemi kwa Boteti Botlhaba ba re ditlou di ba kgoba marapo

21 Aug 2019

Banni ba Mosu, Mmatshumo, Mokubilo, Makgaba le Khwee kwa kgaolong ya Boteti Botlhaba ba re tshenyo e e dirwang ke ditlou e ba kgoba marapo.

Banni ba buile se mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Sethomo Lelatisitswe, bosheng.

Ba re ga ba sa tlhole ba bona maduo a temo ka ditlou di senya dijwalo tsa bone.

Banni ba re ba lemoga gore puso e dira maiteko a go ba ntsha mo lehumeng ka go ba lemela ka lenaneo la ISPAAD le mananeo a go agelalela masimo mme ditlou di phutlhamisa maiteko a.

Ba re ga ba sa tlhole ba tsamaya ba sosologile mo masimong le meraka ka ditlou di gobeya gongwe le gongwe.

Banni ba Mosu, Makgaba, Mmatshumo le Mokubilo ba ngongoregetse tiego ya peo ya ditsha.

Ba re e setse e le dingwaga go sa abiwe ditsha, kgang e ba reng e ba kgoreletsa go diragatsa maitlamo a bone.

Kwa Makgaba banni ba re ba sa le ba filwe dinomoro tsa ditsha, mme ga ba esi ba bewe.

Bangwe ba ne ba kops mopalamente go ba tlhalosetse ka molao wa batho ba ba ratanang e le ba bong jo bo tshwanang, dikgang tse ba reng ba di utlwa mo metsweding ya dikgang.

Rre Phillip Kopano, yo e leng mothusa kgosi kwa Mosu, a re ba kopa go atolosediwa kokelwana a tlhalosa fa motse wa bone o godile mme kokelwana e e teng e le kwa tlase mo ditlamelong. A re ba ne gape ba solofediwa go agelwa diofisi tsa sepodisi mme nako kgolo ke eno.

Kgosi Kopano o ngongoregetse tiego ya mananeo a a dirwang ka madi a dikgaolo, a bolela fa gape go dirwa ntle le therisanyo le bogogi jwa motse le komiti ya ditlhabololo tsa motse fa Rre Gabarutwe Boloka yo e leng mothusa kgosi kwa Khwee, e ne a re o tshwenngwa ke tiriso botlhaswa ya dinotagi le thekiso ya tsone pele kana morago ga di nako tsedibeilwe.

Kgosi Boloka o tlhalositse fa nnotagi e e baka dintwa tse dititeo tse fa gongwe di felelang di bakile dintsho.

Modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mmatshumo, Rre Balefi Gobuamang, a re ba kopa go agelwa matlo a borutelo a le mabedi.

Rre Lelatisitswe o ne a kopa banni ba Khwee go ikgapha mo tirisong botlhaswa ya bojalwa a re bo senya botshelo jwa motho.

Rre Lelatisitswe a re kgang ya batho ba ba ratanang e le ba bong jo bo tshwang ga ya dumalanwa kwa palamenteng, ke kgang ya makgotla a ditsheko.

A re puso, e emetswe ke rramelao mogolo, ga e dumelane le kgang ya gona jalo ebile e ikuetse kwa kgotleng ya ditsheko tsa boikuelo. Mopalamente o ba tlhaloseditse gore tsholofelo ke gore letsomo le tlaa araba selelo sa bone sa tshenyo ya ditlou.

Mogolwane wa botsogo, Mme Tuna Golebilwemang o tlhalositse fa motse o tshwanetse go re o bo o na le batho ba le dikete tse tharo gore o nne le kokelwana e e nang le ntlo ya pelegi.

Modulasitilo wa lekgotla la kabo ditsha, Rre Kelentse Mawala, a re tiego e bakilwe ke lenaneo la tshekatsheko ya metse la Makgadikgadi Study Plan le le neng le dirwa kwa Mokubilo, Mmea, Mosu, Mmatshumo le Makagaba. 

Rre Mawala a re ba solofetsse gore le wele mo nakong e e sa fediseng pelo.

Mogolwane wa lephata la diphologolo, Rre Tshegofatso Galeboe, a re ga se gore ga ba batle go ba thusa ka nako, mathata ke gore kgaolo ya Boteti e bophara mme go na le kgwetlho ya tlhaelo ya dikoloi le bodiredi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Letlhakane

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Aug 2019