Breaking News

Mabutsane o lela ka tsela

21 Aug 2019

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mabutsane, Mme Keagisitse Mokgatle o kopile gore motse o direlwe tsela ya sekontere ka jaana ya ditena e sa lekana.

O kopile jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi kwa Mabutsane ka Labobedi.

A re le ntswa ba lebogela maiteko a puso a go ba direla tsela ya nama o sa tshwere, ba bete se molangwana ka jaana e sa itebaganya le seemo sa motse wa bone. O boletse fa Mabutsane a na le motlhaba o montsi, ka jalo tsela e o e tlaa khurumediwa ke mmu ka nako ya dipula.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Mme Mokgatle o kopile gore ba agelwe mapalamelo a dibese.

A re mo bogompienong, dipalangwa tsa setshaba di emelwa fa kgotleng ka jaana go sena fa di emang teng.

E rile a mo kgwa dikgaba, mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse, a tlhalosa fa e le boammaaruri gore Mabutsane o tlhoka tsela ya sekontere.

Le fa go ntse jalo, a re puso e bone go le botoka go dira tsela ya ditena ka jaana yone e le tlhwatlhwa e kwa tlase.

A re letlhoko la madi ke lone le le dirileng gore go agwe tsela ya ditena.

Rre Autlwetse o ne a kopa morafe go nna pelotelele fa puso e santse e batla madi.

A re maikaelelo ke go dira gore ditsela di tsamaege ka dikoloi tse di farologanyeng, pele ga go ka sekasekwa ditlhabololo tse dingwe jaaka dipone tsa mekgwatha.

Mo go ya maemelo a dibese, mothusa tona o ne a tlhalosa fa setsha se setse se beilwe, mme ikopelo ditiro e tlaa dirwa pele ga ngwaga ono o ya fifing.

A re maikaelelo ke go a dira ba a kopanetse le bagwebi ba ba ikemetseng, mme tsholofelo ke gore a tlaa simololwa ngwaga o o tlang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : Mabutsane

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Aug 2019