Mopalamente o lekola Lemone le Masuakoloi
21 Aug 2019
Mopalapmente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya, o kopile baithuti ba ba thusitsweng ke puso go ikoketsa dithuto gore ba tle ba kgone go duela madi a ba thusitsweng ka o ne.
Rre Gora, yo o neng a buisa diphuthego tsa kgotla kwa masimong a Lemone le Masuakoloi bosheng, a re go dira jalo go tlaa thusa puso go duelela ba bangwe dithuto.
Rre Goya o tlhaloseditse ba Masuakoloi gore fa go tlhokegang teng gore puso e dire ditlhabololo, e ka amoga yo o neng a abetswe lefatshe go le dirisetsa ditlhabololo tse di tlaa solegelang Batswana botlhe molemo.
O ne gape a itsise banni ka melao e lesome le bosupa e palamente e e fetisitsweng kwa bokopanong jo bo sa tswang go wela, a tlhalosa fa go tlaa tlhongwa khansele e e tlaa tlhokomelang khiro ya barutabana go bona gore ditsamaiso tsotlhe tsa phiro le dituelo di dirwa ka fa tshwanelong le go tlhomamisa gore ba ba hirelwang go ruta ke ba ba nang le bokgoni le dithutego tsa go dira jalo.
Mokhanselara wa kgaolo, Rre Omphemetse Kgotlaetsile o rotloeditse morafe go ithaopela go rema tsela ya masimo a bone ka e sa tsamaege.
A re magatwe a gore puso e ikaelela go emisa lenaneo la Ipelegeng, dituelo tsa bagodi le dikgaisano tsa metshameko ya kgwele ya dinao tsa dikgaolo ga se boammaaruri fa e se go senya puso leina fela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Selinah Samson
Location : Lemone/Masuakoloi
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 Aug 2019