Breaking News

Seretse o lebogela tirisano mmogo

20 Aug 2019

Mopalamente wa kgaolo ya Lentsweletau/Mmopane, Rre Vincent Seretse, o lebogetse tirisano mmogo le banni ba kgaolo eo mo pakeng ya dingwaga tse tlhano tse a dirileng le bone.

Rre Seretse o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Kopong ka Labobedi.

A re o itumelela go dira sentle le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, magosi le badiredi ka go farologana.

A re ditiro dingwe tsa ditlhabololo di nnile teng le fa go sa lekana.

A re itsholelo ya lefatshe e santse e ikaegile thata ka ditswa mmung bogolo jang diteemane.

Rre Seretse, go gape e leng tona wa dikago le matlo, a re dingwe tse di godisang itsholelo ke bojanala, dikago le ditirelo ka go farologana.

A re le fa itsholelo e tsweletse ka go gola ka selekanyo se se ka tshwarang bone mo lekgolong, ga go ise go lekane.

O ne gape a arogana le morafe dintlha tsa melao e e fetisitsweng kwa palamenteng.

O tlhalositse fa palamente e dirile molao wa go laola motsamao wa madi.

Rre Seretse a re go dirilwe melao e e thibang diphatlha tsa madi a a senang motlhala gore madi mangwe le mangwe a nne le motlhala o o itsegeng.

Morafe o ne wa lebogela mengwe ya melao e e dirilweng jaaka o o amang lefatshe.

Ba ngongoregile thata ka ofisi ya kabo ditsha kwa Lentsweletau.

Rre Victor Leshona o boletse fa badiredi jwa ofisi eo ba le boitseme fela thata ebile ba sa thuse morafe sentle.

Mme Tebogo Molatlhiwa o supile fa a na le dingwaga di le masome matlhano le bongwe mme a ntse a sena setsha.

A re o sa le a tsentse kopo mme nako kgolo ke eno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : KOPONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Aug 2019