Breaking News

Mmangwana o tsene ka ga re itse morago ga go tlhokafala ga ngwana

20 Aug 2019

Mapodisi a Serowe a mo patlong ya mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le borataro yo o tseneng ka lenga la seloko morago ga go tlhokafala ga ngwana wa gagwe yo o dingwaga tse pedi.

Mookamela mapodisi a Serowe, Superintendent Molefhe Molefhe, o boletse mo potsolotsong fa mosadi yoo wa kwa Mmashoro, a tlogetse ngwana kwa batsading ba gagwe ba ba lemogileng morago gore ngwana o tlhokafetse.

Are ga go itsiwe kwa mmangwana a ileng teng.

Mookamela mapodisi a Serowe o kaile fa ngwana a ne a ntse a tshwenyega mme a nna a isiwa kokelong kgapetsa kgapetsa.

O tlhalositse fa ba letetse maduo a ditlhatlhabo go tswa kwa go ba bongaka go bona gore ngwana o bolailwe ke eng

Supt Molefhe a re mosadi yoo o ne a sa bereke gope mme go bolelwa fa a nna a le mo sediding sa nnotagi fela.

Supt Molefhe o ne a bolela fa ba sa robatswe ke go nowa phetelela ga bojalwa kwa Mmashoro.

A re se, se baka ditiragalo tse dintsi tsa borukutlhi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : POTSOLOTSO

Date : 20 Aug 2019