Breaking News

Tsogwane o kopela BDP tlhopho

20 Aug 2019

Modulasitilo wa Botswana Democratic Party (BDP), Rre Slumber Tsogwane, o kopile banni ba kgaolo ya Boteti Bophirima go tlhopha phathi e e busang mo ditlhophong tse di tlang.

Rre Tsogwane o kopile se kwa Rakops le Xere kwa phuthegong ya go supa bontlhopheng ba bokhanselara jwa dikgaolo tseo.

Rre Tsogwane a re BDP e tswa kgakala e busa go rena kagiso le thokgamo, ebile e dira ka thata go tlhabolola Botswana.

O gakolotse banni botlhokwa jwa go sekaseka mapolotiki pele ga ba ka ba sala morago le gore ba tlhaloganya maitlamo a bone.

Bo ntlhopheng ba rotloeditswe go tshwaragana le bagolo ba phathi gore ba thuse BDP go fenya ditlhopho tsa setshaba .

Modulasetilo wa banana wa BDP, Rre Simon Mavange, ene o ne a tlholosetsa banni ba kgaolo ya Boteti Bophirima fa ba le lesego go bo Mothusa Tautona a tswa mo kagolong ya bone.

Rre Mavange, yo gape e leng ntlhopheng wa bopalamente wa Tati Botlhaba, a re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi le mothusi wa gagwe, ba ikaelela go fa Batswana dithata le go ba akaretsa mo mererong ya go tsamaisa lefatshe.

Rre Mavange o kaile fa ntlhopheng, Rre Batsweletse Kgagamedi yo e leng mothusa mokwaledi wa banana wa phathi ya BDP a le mo dikomiting di le mmalwa tsa motse di akaretsa le komiti ya ditlhabololo tsa motse.

Rre Mavange a re e ne ya re bosheng, Rre Kgagamedi, a rumiwa kwa China ka dikgang tsa banana.

O kopile Rre Kgagamedi go reetsa dikgakololo tsa batsadi a re ga se gore moiteledipele o etse sengwe le sengwe.

Fa a tswa la gagwe, Rre Kgagamedi o kopile banni go mo romela kwa khanseleng go ya go tsweledisa se a ntse a se dira go tlhabolola kgaolo.

Rre Kgagamedi a re ke moeteledipele yo o boikanyego.

Fa a supa ntlhopheng wa kgaolo ya Xere, morulaganyi wa ditogamaano wa BDP wa kgaolo ya Palapye, Rre Isaac Maforaga a re BDP e na le mananeo a a tsepameng go tlhabolola lefatshe.

Rre Maforaga o kaile fa ntlhopheng, Rre Eric Semausu, a tlholega kwa Xere e bile a itse mathata a kgaolo ya gagwe botoka.

A re Rre Sekausu o diretse kgaolo e le modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse gape a nnile le seabe mo dikomiting tse dingwe a dira ka boithaopo.

Fa a tswa la gagwe, Rre Sekausu o ne a kopa banni ba Xere gore ba mo tlhophe a tle age motse.

A re fa baka mo tlhopha, o tlaa nna mokhanselara wa batho botlhe, a sa tlhaole ope.

Rre Sekausu a re o nonofile go ka isa Xere kwa pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : XERE

Event : Phuthego ya Polotiki

Date : 20 Aug 2019