Breaking News

Makgato o lela ka tiego ya ditlhabololo

19 Aug 2019

Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Mme Dorcas Makgato, a re o tshwenngwa ke go salela morago ga ditiro dingwe tsa ditlhabololo kwa kgaolong ya gagwe.

A re ditiro tsa metsi, ditsela, lefatshe le thuto ke dingwe tse di sa mo jeseng diwelang ka dile bonya go dirafadiwa.

Fa a buisa diphuthego kwa Mokobeng, Ngwapa, Sefhare, Chadibe, Borotsi le Mathako, Mme Makgato  o boletse fa seemo sa lenyora le ditsela e se sone.

O tlhalositse fa puso e tsere tshwetso ya go thusa ka go gokela metse e senang metsi mo pompong ya Lerala. A re tsela ya Dibete/Machaneng e tsweletse sentle, ebile bontlha bongwe jwa yone bo setse bo dirisiwa gotswa kwa ntlheng tsa Mookane.

Mme Makgato o ne a abelana le morafe ka tse di buisantsweng kwa palamenteng.

O supile fa go ne ga nna le ditshutiso di le tharo tse dineng tsa fetisiwa, jaaka ya kopo kgokelo ya metsi a Gaborone bokone, go akarediwa ga kgwebo ya letswai mo lenaneong la ditlhabololo le le faphegileng la (SEZA) le go kopa madi a mo oketsa gotsweledisa ditirelo tsa metsi le go lebelela di tlhwatlhwa phokoletso tsa dijo tsa leruo le tse dngwe.

A re megopolo eo, ene ya amogelwa, kwa ntle fela ga wa go gokela metsi a didiba tsa masama go nosa borwa.

Morafe o ne wa itumelela paakanyo melao, ba supa fa bontsi ja melao e sa bolo go ba baya kwa mosing jaaka wa go sa letleleleng banyalani go nna le setsha mongwe le mongwe wa bone, tiroso ya masimo e e eneng e lebaganye fela le temo lentswa dipula dile boutsana, ga mmogo le yone ya kwadiso dikompone e jaanong e tlaa dirwang ka marenyane.

Ba re seo ke kgatelo pele ka gotla fokoletsa batho go ya kwa diofising goya go kopa kwadiso ya kompone.

Ba ne ba lebogela tekodiso ya mopalamente wa bone bare ke senatla, o dirile gole gontsi gotlhabolola kgaolo e bile gape a tletse mowa wa boitlhapo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso simon

Location : MOKOBENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Aug 2019