Breaking News

Melao mengwe e kgoreletsa Batswana go tsena mo kgwebong

19 Aug 2019

 Mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe, a re melao mengwe e ntse e kgoreletsa Batswana go tsena mo kgwebong.

Rre Lelatisitswe, yo gape e leng Mothusa Tona wa Botsogo le Boteikanelo, o buile se kwa phuthegong ya kgotla kwa Mokubilo bosheng.

Ke sone se palamente e dirileng melao mengwe go tokafatsa seemo.

Mopalamente a re melao mengwe e e fitisitsweng kwa palamenteng e e akaretsa wa go supa dithoto le dikoloto ga mapalamente.

Rre Lelatisitswe a re molao o gwetlhelwe ke dikgang tsa tshenyetso setshaba.

A re go ntshitswe badirelapuso bangwe mo go ba ditiro tse difaphegileng a tlatsa ka gore barutabana bone ba tlaa dira lekgotla le le ba laolang la Botswana Teaching Council le ba tlaabong ba kwadisiwa se mmuso mo go lone.

Fa a rola pego ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, modulasetilo wa komiti eo, Rre Thatayamodimo Xabuwe, o boletse fa Mokubilo a g tlhoka phatlalatso ya metsi.

Rre Xabuwe a re lephata la kabo ditsha le tsere lebaka le leele le sa beye ditsha, a tlhalosa gore banni ba sa le ba kopile ditsha ka 2012.

A re ba sa le ba solofeditswe go agelwa ofisi ya poso, mme nako kgolo ke eno.

Rre Xabuwe a re ba na le dingwaga ba ntse ba lela ka dikoloi tse di fetang mo motseng ka lebelo le le kwa godimo.

O ngongoregile gape ka lephata la diphologolo a re ga le tsibogele dipego tsa tshenyo ya diphologolo a tlatsa ka gore madi a phimolo dikeledi le o ne a diega.

Monni wa Mokubilo, Mme Bakwi Bakwadi a re ba bolawa ke tlala ka ditlou di ba senyeditse masimo.

Mme Bakwadi a re matshwenyo magolo ke gore lephata la diphologolo ga le nke le  tla go bona tshenyo ebile phimolo dikeledi e a diega.

Mogolwane wa lephata la diphologolo, Rre Tshegofatso Galeboe o tlhalositse fa kgaolo ya Boteti e le bophara mme ebile ba na le tlhaelo ya dikoloi le bodiredi.

Rre Galeboe o ne a rotloetsa banni go boloka masupi ka jaana tsamaiso ya bone e le go duela ka masupi.
Mogolwane wa khamphane ya metsi, Rre Mmothi Segale, o tlhalositse fa lenaneo la katoloso ya metsi le le mo tseleng mme ba santse ba dira kwa Letlhakane.

Modulasitilo wa lephata la kabo ditsha la Letlhakane, Rre Kelentse Mawaya a re kabo ya lefatshe kwa Mokubilo e diilwe ke lenaneo la Makgadikgadi Study Plan mme a supa fa le le gaufi le go wela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : MOKUBILO

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Aug 2019