Breaking News

Kwadisang matsalo a bana

19 Aug 2019

Tona wa lephata la Merero ya tsa Boagedi, Mesepele le Bong, Rre Ngaka Ngaka a re go botlhokwa gore bana ba tsholelwe kwa dikokelong gore ba tle ba kwadisiwe ka nako.

O buile se kwa Rakops bosheng fa go ne go tshwerwe segopotso sa letsatsi la mafatshe a Aferika la go lemotsha setshaba mosola wa go kwadisa matsalo, dintsho le manyalo.

Rre Ngaka a re go a tshwenya go bona bana ba belegelwa kwa malwapeng, ka jalo batsadi ba nyafale go kwadisa matsalo a bone.

“Re rotloetsa pelegi ya kwa dikokelong gore bana ba kwadisiwe go sena makgwere ape,” Rre Ngaka a tlhalosa.

A re matsalo a ngwana a tshwanetse go kwadisiwa pele ga malatsi a masome marataro a wela.

A re go kwadisa matsalo a ngwana go thusa puso go itse dipalo tsa bana ba ba belegwang.

“Nomoro ya setlankana sa matsalo ke yone e diriswang mo karateng ya Omang. Re tshwanetse re itse dipalo tsa bana, bagolo, banana le bong jwa bone gore re kgone go loga mananeo a ditlhabololo a a lebaganyeng batho ba re nang le bone,” ga tlhalosa Tona Ngaka.

O tlhalositse gape gore, go botlhokwa go kwadisa dintsho.

Rre Ngaka a re ba botsogo ba dira ditlhotlhomiso go sekaseka se se ka tswang se bakile leso, ka jalo go dira jalo go thusa puso go tsibogela seemo sepe se se ka tswang se le borai mo matshelong a batho.

O supile fa makoa mangwe a lemogwa batho ba tlhokafatse ka jalo a kaele puso go phutha ditlamelo tsa botsogo tse di tshwanetseng.

Rre Ngaka o supile gore, le fa gone puso e tshwenyegile ka gore manotonyana a bangwe a nyafela go kwadisa matsalo ka jalo go le botlhokwa go tswelela e ruta ka botlhokwa jwa seo.

A re seemo sa mo nakong eno se a nametsa ka gore kwadiso ya matsalo e tsamaya kwa go masome a roba bongwe le bone mo lekgolong.

Tona Ngaka o kgotlhaditse banni ba Rakops le mafelo a a mo kgaolong ya Boteti Bophirima go tsibogela go kwadisa matsalo a bana le dintsho. A re dipalo di supa ba saletse morago go se nene.

Le fa go ntse jalo a ba akgolela go ikwadisetsa Omang le go di tsaya ka nako. O supile gore lefatshe ka bophara batho ba le 1 423 593 ba ikwadisitse, e bile ba ka itshupa ka ditankana tsa matsalo kgotsa omang, ka jalo ba tlhomamisega e le Batswana.

 “Ke tshwanelo ya mongwe le mongwe gore a ikwadise, a nne le leina le le tlhomameng le go re ke wa bong bofe.

 Ke tlhomamisa gore bangwe mo go rona ba maoto a tshupa go ikwadisa. Ga o kake wa ikaa o le Motswana o sa ikwadisa, o sena setlankana sa matsalo kgotsa Omang.”

Tona Ngaka a re go ikwadisa go thusa motho gore a nne le karolo mo mererong ya setshaba le go tsaya ditshwetso tse di isang lefatshe kwa pele jaaka go tlhopha, phiro le gone go tsaya mosepele tota.
 

A re tsamaiso ya phiro e tlhoka go itse dingwaga tsa motho le jone bong tota mo mabakeng mangwe.

 “Re itse letso, bong le dingwaga tsa motho le lebeletse sesupo sa gagwe sa matsalo kgotsa Omang.”

Mogolwane wa le lephata la dipalo, Mme Malebogo Kerekang a tlhalosa gore dipalo di supa gore bana ba le lesome palong ya lekgolo ga ba a kwadisaetswa matsalo.

Mme Kerekang a re sengwe se se lemogilweng ke gore kwadiso ya matsalo le dintsho e kwa tlase mo kgaolong ya Boteti Bophirima.

O supile gore maikaelelo a go tshwarela tiro eo mo motseng wa Rakops ke go rotloetsa batho botlhokwa jwa go ikwadisa. “Go botlhokwa ka gore lotlhe le tla akarediwa ke mananeo a ditlhabololo. Go kwadisa matsalo le dintsho go tsamaelana le maikaelelo a tebelopele ya setshaba ya ngwaga 2036.” BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : RAKOPS

Event : segopotso

Date : 19 Aug 2019