AP ke tsholofelo ya Batswana-Gaolathe
18 Aug 2019
Batswana ba kopilwe go tshepha phathi ya Alliance for Progressives (AP) ka tsholofelo ya gore e na le maikaelelo a mantle a go ka fetola seemo sa matshelo a bone le go tlhabolola itsholelo ya lefatshe e akaretsa botlhe.
Mafoko a, a builwe ke moeteledipele wa phathi eo Rre Ndaba Gaolathe, fa a rola semmuso yo o tlaa nnang ntlhopheng wa bopalamente wa phathi eo Rre Boniface Mabeo le ba ba tlaa nnang bontlhopheng ba makhanselara ba le lesome le bongwe kwa Ramotswa ka Matlhatso.
Rre Ndaba o ne kopa batlhophi ba Ramotswa go amogela bontlhopheng ba AP ka tsholofelo ya gore ba tlaa aga Botswana yo mosha.
O ne a tlhalosa fa phathi ya AP e le yone ka nosi e nang le maikaelelo a a tsepameng go ka fetola seemo sa itsholelo go aga Botswana yo mosha.
Rre Gaolathe o ne a kopa kemo nokeng ya tlhopho ka maikaelelo a go ya go betla tsela e a reng go lebega e tsene ka sekgwa.
O ne a supa fa phathi ya AP e le lekgotla la sepolitiki le le eteletsweng pele ke banna le basadi ba boikarabelo jwa tlhwatlhwa, ba na le tebelopele ya go ka fetola ditsamiso tse di beileng Batswana ka fa mosing ka lobaka.
Mongwe wa mabutswapele a dipolitiki Rre Lepetu Setshwaelo o ne a gakololola balatedi ba AP go betla ditsela tsa go ntsha phathi ya BDP mo pusong.
Rre Setshwaelo o ne a ba bontsha fa go tlhoka mashetla go tla go thusa go nyeletsa ditsamaiso tse di diretsweng go akolwa ke palo-potlana ya batho ba lefatshe leno, ka bontsi bo tshela ka thata.
A re ga go sa tlhole go na le sepe se se ka tsietsang batlhophi.
Ka jalo o ne a ba kopa gore ba seka ba ipona tsapa mme ba nonotshe ipapatso gore Batswana ba tswelele ka go tlhaloganya maikaelelo a bone a go fetola matshelo a batho.
Mogakolodi wa moeteledipele wa phathi ya AP Dr Margaret Nasha o ne a tlhalosa fa nako e gorogile ya gore batlhopi ba tlhalefe mokgwa o o godileng mo Botswana wa go bipa mpa ka mabele, go ikgatholosa dikgang tsa tshenyetso setshaba tse bontsi jwa tsone di amang baeteledipele le masika a babusi.
Dr Nasha a re seo se ka fenngwa fela ka tlhopho ka bontsi jwa Batswana bo lebile ka boitlhobogo.
Fa a tswa la gagwe, Rre Mabeo o ne a kopa batlhophi ba kgaolo ya ga Malete go mo tshepha ka tlhopho go ya go thusa go neela kgaolo ya bone dithata go e thusa go tlhabologa ka go godisa thuo le mmaraka wa dikolobe.
Rre Mabeo o ne a tswelela ka go supa fa puso e paletswe ke go tswa ka mananeo a sennela ruri a go ka tlhama diphatlha tsa mebereko, ka jalo a sa dumele fa go santse go na le se batlhophi ba ka dumelang mo go sone.
O ne a kopa batlhophi ba go mo ikanya ba bo ba nne le tsholofelo ya go bona kgaolo eo e fetogile, ka a tsile go tlhabolola seemo sa metsi le go sala morago metswedi e e ka thusang go tlhabolola temo ya merogo mo kgaolong.
Rre Mabeo o ne a supa fa kgaolo ya Ramotswa e le nngwe ya tse a dumelang di ikgatholositswe ka lobaka, mme a solofetsa gore ka bokgoni jwa gagwe, o ya go thusa go bua ka mashetla dikgang tse di ka thusang go tlhabolola tsamaiso ya itsholelo go fa batho ba kgaolo eo dithata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : RAMOTSWA
Event : Tholo semmuso ntlhopheng wa phathi
Date : 18 Aug 2019