Puso e tlaa tlhama lephata la dikgwebo tse dipotlana
18 Aug 2019
Puso e tsere tshwetso ya go re mo ngwageng o o tlang wa madi, e kgaoganye lephata la papadi le madirelo go tlhama le le itebagantseng le dikgwebo tse dipotlana le le tlaa bidiwang Ministry of Small Businesses and Enterprises.
E rile a buisa phuthego kwa Shakawe ka Labone, Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi a tlhalosa fa maikaelelo e le go godisa dikgwebo tse dipotlana ka itsholelo ya mafatshe e ikaegile bobe ka tsone.
O kaile fa dikgwebo tse, e le tsone tse di hirileng batho ba le bantsi, ka jalo di tlhokana le go re go itebaganngwe le tsone ka mashetla gore di gole di bo di ntsifale.
“Re batla go re re ye go godisa boitseanape jwa tsone gore di gole di loe e bile di nne le tona fela yo o itebagantseng le tsone.
Ke sone se o bonang ka kgakololo ya baitseanape re simolotseng ka go tlhofofatsa go dirwa ga kgwebo e potlana,” Dr Masisi a tlhalosa.
Tautona Masisi o gakolotse Batswana gore puso e dira jaana gore dikgwebo tsa mo gae, go sa kgahalesege gore ke tse ditona kgotsa tse di potlana, di simolole go rekisa kwa ntle ga Botswana.
“Le seka la leba mo Botswana fela, le rekise kwa mafatsheng a mangwe,” Tautona Masisi a kgothatsa.
A re puso e beile monwana ditumalano tsa Africa Continental Free Trade Agreement tse di tlaa dirang gore mafatshe otlhe a Africa a gololesege go tla go rekisa dithoto tsa one mo Botswana mme le bone ba bulele dikgwebo tsa mo Botswana go rekisa kwa mafatsheng ao.
Mo go tse dingwe, Dr Masisi o boletse fa puso e tlaa atolosa ditlhaelatsanyo tsa lefaufau.
“Mekgwa e ya ditlhaelatsanyo re batla gore e atologe mongwe le mongwe a nne le yone le bo le ka e dirisa gore le gwebe ka yone.
O tsenye madi o duele motho, o duelwe e bile o ntshe ditaelo go boloka madi a go palama o tswa fa o ya Gaborone,” Tautona a tlhalosa.
Dr masisi o ne gape a tlhalosa fa e le maikaelelo a puso gore bojanala le jone bo tsene mo diatlang tsa Batswana.
Tautona o ganeditse mafoko mangwe a a buegang a go re puso e batla go emisa go amogedisa bagodi, a re ga a na boamaruri.
“Puso ga e na kakanyo ya go emisa madi a bagodi.
Kakanyo e e leng go re re ka nna le yone ke gore puso e a oketsa leng,” Dr Masisi a tlhalosa.
O latotse gape dikgang tsa go re puso e ya go emisa Ipelegeng, a tlhalosa fa le tsone e se nnete
A re e rile ba lemoga fa leuba le shenne meno, puso ya oketsa dipalo tsa Ipelegeng.
“Ke jaaka le bona re tsentse dijo tsa mo mosong tsa bana ba dikole tse dipotlana,” Tautona a kaya.
Dr Masisi o gakolotse setshaba gore se seka sa ikimetsa bana.
“Bana re a ba rata mme ga ke batle re ikimetsa bana.
Ga ke re ba ba teng re ba dire sepe, mme a sekale le se ngotle.
Ba clinic ba tlaa re thusa,” a tlhalosa.
“Kana fa o ka nna le bana ba le bantsi ka nako e le nngwefela ba tlaa go imela.
Ba ba teng o ba tlamele, o ba babalele, re a ba rata re tlaa ba thokomela,” Tautona a tlhalosa.
Dr Masisi o kgadile borre ba ba tlhokomelelang bana kwa makgotleng a ditshekelo a re dipalo tsa boneba ke tse di tlhabisang ditlhong.
“Mme ke tlaa kopa gore le magosi a rona a re thuse ka gore re na le kgang e nngwe e e botlhoko mo Botswana ya go itatola bana.
Kgang e, e batla re le borre re iphuthe,” a kgothatsa.
O tlhalositse gape fa puso e tshwenyegile ka fa bomme ba ketekwang ka teng.
A re bomme ba a ketekwa go twe ba ketekelwa lorato e bile ba a bolawa go twe ba bolaelwa lorato.
“Le lona bomme motho fela fa a go keteka tsamaela ruri.
Lesa go boela magaleng ga bedi,” Dr Masisi a gakolola. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sefhako Sefhako
Location : SHAKAWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 Aug 2019