Banni ba atla letlole la madi a ditlhabololo
18 Aug 2019
Bogogi jwa metse ya Mogapinyana le Kgagodi jwa re madi a ditlhabololo a dikgaolo a ba tsiseditse ditlhabololo tse ba sa bolong go di letela.
Ba buile se mo diphutheng tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila bosheng.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Gothatamang Kedikilwe wa Diloro ga a itumedisiwe ke ka fa ditlhabololo di dirwang ka teng kwa motseng wa gagwe, a supa fa ditiro tsa ngwaga wa 2017/18 di santse di le kgakala le go wela.
Rre Mzwinila o lebogetse tirisano mmogo ya gagwe le banni, a tlhalosa fa ba kgonne go dira ditiro dingwe tse ba neng ba di ipeile pele mme tse dingwe di sa kgonega mme a ba rotloetsa go tswelela ba tshwaragane go re tse di saletseng kwa morago ba di kgone.
Rre Mzwinila o ne a lekodisa banni ka melao e e sa tswang go dumalanwa kwa palamenteng.
A re le fa molao wa lefatshe o fetotswe, dikgwetlho tsa tlhaelo ya lone, go tsenngwa ditlamelo jaaka metsi, ditsela le tse dingwe go ne go sa fetoge.
O supile fa go tlhabolola ka na go tsenya ditlamelo kwa mafelong a masha go le turu ka setsha sa bonno se le sengwe se tlhoka P125 000 mme se, se baka gore batho ba tseye dingwaga tse dintsi ba letetse go abelwa ditsha.
E ntse e le mo go tse di amang le tiriso ya lefatshe, o supile fa molao wa kabo ditsha wa pele o ne o letelela gore motho o ka dirisa sephato sa lesome le botlhano mo lekgolong sa tshimo go ka dira kgwebo e tshwana le thuo ya dikgomo.
Rre Mzwinila o supile fa seo se fetotswe go letlelela gore go dirisiwe sephato sa masome a matlhano mo lekgolong go dira kgwebo.
A re se se ka dirwa fela fa motho a ikopantse le lephata la kabo ditsha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : MOGAPINYANA
Event : Diphuthego tsa Kgotla
Date : 18 Aug 2019