Lefatshe ke boswa jwa dikokomane
18 Aug 2019
Banni ba Boseja/Flowertown kwa Mahalapye ba kopilwe go dira gotlhe go sireletsa lefatshe la bone.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa kgotleng eo ka Labotlhano, mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso, o boletse fa lefatshe e le selo se se tshwanetsweng go tsewa jaaka teemane.
A re lefatshe le ka dirisiwa le ke dikokomanyane mme le tlhoka go babalelwa ka le sa oketsege mme batho bone ba gola ka dipalo tse di kwa godimo.
Mme Tshireletso, yo gape e leng Mothusa Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, o gakolotse banni go ipapha mo go rekiseng ditsha.
O kopile banni gore go na le go rekisa ditsha, ba di hirise go fitlhela ba ikemela ka dinao.
O ne a rotloetsa ba ba kobo dikhutshwane gore fa ba tlhoka thuso, ba kopa diagente tsa puso go ba emela fa go na le tsietso epe fela ka ditsha.
A re bangwe ba utswetswe lefatshe ba ne ba akanya gore ba saenela dipampiri tsa go hirisetsa mafelo a bone dikgwebo.
Mme Tshireletso o supile fa go na le tsetlana mo molaong e e tlaa fang ba-na-le-bogole dingwaga di le lesome le botlhano ba sa fetole maina a setsha mo setlankaneng.
Mme Gabantshabe Kgosietsile e le moagi wa kgotlana eo, a re le ene o raletse diemo tse, jaaka ba lesika ba ne ba rekisa tshimo ya gagwe ya boswa mme a sala fela.
Mokhansela wa Boseja le Flowertown, Rre Tumelo Koolekanye, o kgothaditse banni go tlhokomela lefatshe la bone segolo jang masimo a a fa thoko ga tsela ya A1.
A re beng ba dikgwebo ba tlaa tla ka methale yotlhe go tsaya masimo a bone.
Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye o ne a kopa batsadi go aga bana ka thupa.
A re ke nako ya gore batsadi ba tseye boikarabelo go kgalema bana e seng go ba tshosa ka mapodise, dikgosi kana barutabana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaotlhobogwe Orefile
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 Aug 2019