Breaking News

Puso e emetse Batswana ka dinao

18 Aug 2019

Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, o tlhomamiseditse banni ba Otse fa puso e eme ka dinao go lwantsha lehuma.

Mopalamente o buile se fa a busia phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng.

Rre Makgalemele o ne a kopa lephata la  boipelego  go ema ka dinao go sekaseka diemo tsa Batswana le go ba fa thuso e e lebaneng.

A re go le gantsi Batswana ba ngongorega ka badiri ba boipelego ba ba maoto a tshupa go dira tiro.

A re phuthego ya palamente e e sa tswang go feta, e fetisitse  molao wa gore tsamaiso ya matlhabelo a BMC e fetisediwe kwa Batswaneng.

Rre Makgalemele o kopile barui ba Otse go lemoga fa se e tlaa bo e le sebaka sa go nna karolo ya botsamaisi jwa matlhabelo ka go reka diabe mo khamphaneng eo.

A re puso e leka ka bojotlhe go tlhofofatsa dilo gore Batswana ba kgone go nolofalelwa ke maano a go itshetsa.

Rre Makgalemele o buile gape ka molao wa go kwadisa dikhamphani mo go tsa maranyane a CIPA a re go tlhofofaditse ga bo ga bolokela ba le bantsi madi a go latela thuso kwa di ofising.

A re go na le dikgwebo tse di potlana tse di sa tlhokeng diteseletso ebile dingwe tsa dikgwebo di letlelelwa di ka direlwa mo malwapeng.

O kopile banana kwa Otse gore le fa ba le kgakala le ditlamelo, ba seka ba ipona tsapa, mme ba akole mananeo a puso e a diretseng banana.

Rre Makgalemele a re puso e tlaa tswelela e tlhofofatsa mananeo gore banana ba a akole.

Monana wa motse, Rre Kelediretse Rauma, o tlhaloseditse mopalamente gore go tlhoka diofisi tsa banana kwa motseng oo, go ba baya ka fa mosing fa go tla nako ya go tsaya mananeo ka  go tlhoka madi go latela diofisi.

Mmaboipelego mogolo wa dithabololo, Mme Wame Papo, o ne a rurifatsa kgang ya gore baithuti bangwe ba ntshitswe kwa hosteleng .

“Fa re ne re bua ka gore bana ba fokotsege mo hosteleng re tsamaisiwa ke melawana e e reng, ngwana o tshwanetse go nna le batsadi ba gagwe. Mo lenaneong la batlhoki fa go seka sekwa ngwana go sekasekwa gape le batsadi ba gagwe mme ba thusiwe mmogo go lebilwe letlhoko la bone,” Mme Papo a tlhalosa.

A re batsadi ba ba ikgatholosang le go sa thokomeleng bana ba ka tseelwa dikgato tsa semolao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Maswikila

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Aug 2019