Letsomo le tla a fokotsa tshenyo
15 Aug 2019
Mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe, a re go tsosolosiwa ga letsomo go tlaa hema tshenyo e e dirwang ke ditlou.
Rre Lelatisitswe, yo gape e leng Mothusa Tona wa Botsogo le Boitetkanelo, o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla kwa merakeng ya Mmakgama, Nthane le Tsutsuga bosheng.
A re go emisiwa ga letsomo go ne ga dira gore ditlou di ntsifale.
A re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o ne a ntsha lekoko go sekaseka tse e leng matshwenyego a Batswana ka diphologolo.
O boletse gape fa maikaelelo a ga Tautona e le go tlhofofatsa dilo tse di amang matshelo a setshaba.
Rre Lelatisitswe a re go tlaa letlelelwa Batswana go dirisa bontlha bongwe jwa masimo a bone go dira dikgwebo, ba dira jalo ba sa fetole setlankana.
O tlhalositse fa molao o mongwe e le wa gore matlhabelo aBotswana Meat Commission a ikemele ka nosi le gore Batswana ba kgone go rekisa leruo la bone kwa mafatsheng a go bonweng mmaraka kwa go one.
Rre Lelatisitswe a re Tautona ga a na maikalelo a go emisa lenaneo lepe fela ebile o ikemiseditse go a tlhabolola.
O ne gape a tlhalosa fa go okeditswe madi a phimolo dikeledi ya diphologolo tse diborai jaaka tlou go nna 100 per cent ya dilo tse di sentsweng mme ya dibatana yone e sa fetoga ka jaana go dumelwa gore motho o ka itshireletsa mo go tsone le leruo la gagwe.
O ba tlhaloseditse gore puso e okeditse dituelo tsa badisa go nna P1 000.
Banni ba Mmakgama, Nthane le Tsutsutsuga ba ne ba lela ka tshenyo ya ditlou le letlhoko la metsi.
Ba ne gape ba ngongorega ka gore lephata la diphologolo ga le tsibogele dipego tsa bone fa ba senyeditswe ke diphologolo.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Aug 2019