Mokgatlho o a kgolelwa go thusa ba-na-le bogole
15 Aug 2019
Moeteledipele wa lekgotla la Civic Commission For Africa, Mme Maungo Mooki o akgoletse mokgatlho wa Mmangwana o Tshwara Thipa ka fa bogaleng Burial Society kwa Mmadinare boutlwelo botlhoko.
Mme Mooki o dirile jalo kwa sekoleng se sebotlana sa St Peters fa mokgatlho wa Mmangwana o ne o a bela ba-na-le bogole didirisiwa tsa go tlhapa tse di lopileng P11 000.
Mme Mooki o ne a supa fa se se dirilweng ke Mmangwana e le se se rotloediwang ke puso gore setshaba se tsenye letsogo fa go nang le botlhoki gone.
O ne a supa fa Mme Mooki e le motho yo o botlhokwa mo setshabeng, ka a le kutlwelobotlhoko le lorato e bile a na le leitlho le le bonelang kgakala go tlhabolola matshelo a batho ba a tshelang le bone.
Mme Mooki o solofeditse bomme ba mokgatlho kemo nokeng, go ba thusa ka megopolo e tshwana le go ba gokaganya le makalana a a ka ba thusang ka madi.
O ne a ba sedimosetsa fa mekgatlho e laolwa ke molao-motheo, ka jalo ba tshwanetse go sala morago tsotlhe tse di tlhokafalang gore mokgatlho o seka wa phutlhama.
Mongwe wa balalediwa, mothusa tautona wa pele, Rre Ponatshego Kedikilwe yo e leng morotloetsi wa mokgatlho, o ne a kgothatsa Mmangwana go tswa ka methale e e ka godisang mokgatlho, ka se se ka fokotsa bokete jwa go ntsha madi mo dipateng.
Rre Kedikilwe o ba kgothaditse go nna ba kopana le ba mekgatlho e mengwe go amogana megopolo ka se se ka ba thusang.
O ne a ba lebogela seabe sa bone mo go lemogeng ba-na-le bogole ka se se supa fa ba santse ba tshegeditse ngwao.
Kwa bofelong mogokgo wa St Peters, Mme Sylvia Marumo o ne a lebogela seabe se se dirilweng ke setshaba le dikompone ka go farologana, a supa fa se ya go dira pharologanyo mo matshelong a ban bao.
Mme Marumo o tlhalositse fa sekole sa St Peters se na le bana ba ba-na-le bogole ba le masome a mararo le bone, mme a supa fa se se se motlhofo ka dikgwetlho tsa bone di sa tshwane le tsa ba bangwe.
Dikompone ka go farologana di ne tsa abela bana ba sekole seo dimpho tse di farologaneng go ba thusa mo dithutong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : MMADINARE
Event : Kabo dimpho
Date : 15 Aug 2019