Matshego a katlego ya boeteledipele ke merero le tirisano mmogo
15 Aug 2019
Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso o tlhaloseditse banni ba Shakwe le Taupye gore matshego a katlego ya boeteledipele ke merero e e nang le tirisano mmogo.
Mme Tshireletso o buile jaana kwa diphuthegong tsa kgotla kwa metseng eo, jaaka a ne a ba rolela melao e e fetisitsweng kwa palamenteng a bo a tlhalosa fa e ene e le thomo ya bofelo e le mopalamente wa Mahalapye Botlhaba.
Morago ga go nankola dikatlego tsa ditlhabololo tsa metse eo, tse a supileng fa di kgonagetse ka therisanyo le boeteledipele jwa metse, a re go bo e ne e le moeteledipele wa mme ga go a mo ketefalela ka go ne go na le go tlotlana, lorato le therisanyo tse di nonotshang puso ya batho ka batho ya lefatshe leno.
Mme Tshireletso a re merero e aga setshaba se se nang le neelano ya kitso le maele le go itse yo o tlhokang go feta.
Dingwe tsa tse di neng di tshwenya thata a re e ne e le matlo a badirela puso, letlhoko la dikole, le tsela e e tshwaraganyang kgaolo.
A re tshwaragano le komiti ya ditlhabololo tsa motse e botlhokwa go tiisa ditlhabololo.
Mme Tshireletso a re o nnile moeteledipele wa popota yo o ntshang maduo ka ba ne ba mo tlotla le ntswa e le bone ba mo rumile kwa palamenteng go nna lentswe la bone.
A re jaaka morongwa, o ne a isa mantswe a bone le ene a ise la gagwe jaaka moemedi wa setshaba go netefatsa gore kgaolo e bona tse e di tlhokang.
Banni ba mo lebogetse lorato le a le supileng mo kgaolong, ba kaya fa ba ka rata go bona boeteledipele jwa go tshwana le jwa gagwe mo go yo o tlaa tsayang mo go ene.
Kgosi wa Mahalapye, Rre Duncan Segotsi o lebogetse tirasano e a e ba fileng.
Kgosi o supile fa banni ba akotse boeteledipele jwa gagwe jo bo ba tsiseditseng ditlhabololo tse di tlaa nnang segopotso sa gagwe.
“Re go lebogile e bile re go akotse ka bonana, bontle le go apara ga gago, re tlaa tswelela re go akola,” Kgosi Segotsi a tlhalosa.
Rre Gaolathe Kalocha o lebogetse go bo a ithutile go le gonsti mo go ene.
A re Mme Tshireletso o ne a sa lebale kgaolo le batho ba yone.
A re e nnile mosepele o o neng o na le tshwaragano gareng ga morafe le moeteledipele wa yone, go le botlhoko le go le monate.
Mme Constance Letsibogo ene a re Mme Tshireletso o mo rutile gore mme o tshwanetse go nna montle nako tsotlhe, fa modulasetilo wa komoti ya ditlhabololo tsa motse wa Shakwe, Rre Phenyo Karata a re tomagano ya bogogi jwa motse le mopalamente ke yone e tsesitseng ditlhabololo mo matshelong a bone.
Mokhanselara wa kgaolo ya Shakwe Makwate le Taupye, Rre Baemedi Kudumane o lebogetse thuto e ba e amuleng mo go Mopalamente Tshireletso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaotlhobogwe Orefile
Location : SHAKWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Aug 2019