Breaking News

Lemogang botlhokwa jwa dikgosi

15 Aug 2019

 Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane a re magosi a na le seabe sa popota mo go nosetseng thokgamo le puso ya batho ka batho. 

Rre Tsogwane o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse di tsweletseng mo kgaolong ya Boteti Bophirima. 

Mothusa Tautona a re ka jalo dikgosi ga di a tshwanela go itshunya nko mo mererong ya sepolotiki.

Fa a bua kwa Mokobaxane, Orapa le Mopipi, Rre Tsogwane a re tsamaiso ya bogosi ke letshego la ngwao le tsamaiso ya Setswana, ka jalo go botlhokwa go lemoga seabe sa jone mo go bopaganyeng tshaba ya Botswana.

 Rre Tsogwane a re le fa puso e tsamaisiwa ke sepolotiki, magosi ga ba a tshwanela go amana le yone ka gope. A re ba tshwanetse ba itse seabe sa bone mo pusong ya batho ka batho.

“Go botlhokwa go lemoga botlhokwa jwa bogosi, e bile re di farologanye le boeteledipele jwa sepolotiki. Bogosi bo na le tsela, morero le thulaganyong e bo tsamaisiwang ka yone,” ga tlhalosa Rre Tsogwane. 

Le fa go ntse jalo, Rre Tsogwane a re o leboga seabe sa magosi a kgaolo ya Boteti Bophirima mo go tsamaiseng mananeo a ditlhabololo ba tshwaraganye le mapolotiki go sena makgwere.

“Thomo e ke neng ke e filwe mo dingwageng tse tlhano, e tla bokhutlong, ka jalo ke tshwanetse ke leboge botlhe ba ke ntseng ke bereka le bone, le go ba lemotsha gore ke kgonne ka thata le thuso ya bone. 

Ke berekile le magosi, re sa gotlhagotlhane, mongwe le mongwe a tsamaya ka tsela ya gagwe, a itse seabe sa gagwe mo go thuseng go tlhabolola morafe wa Boteti,” Rre Tsogwane a konotelela.

E rile a amogela Mothusa Tautona kwa kgotleng ya Orapa ka Mosupologo, Kgosi Baruntshi Kegapetswe wa Letlhakane a supa gore puso le magosi ba ntse ba dira ba tshwaraganye le ba meepo ka go farologana go tlhabolola kgaolo-potlana ya Boteti.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Kegapetswe o tlhalositse gore toropo ya Orapa e santse e sena moeteledipele wa bogosi, morago ga go wela ga konteraka ya ga Kgosi Christina Moloi, yo o ntseng a eteletse toropo eo pele. 

O supile botlhokwa jwa gore phatlha eo, e kajwe ka gore morafe wa Orapa o na le dikgang tse di tlhokang go rarabololwa ke kgosi.

Kgosi Kegapetswe a re mo lebakeng le a ntseng a thusa go tsamaisa merero ya setshaba kwa kgotleng ya Orapa, o lemogile fa go na le mekgwa mengwe ya borukutlhi e e tshwenyang jaaka tiriso ya ditagi, ka jalo a re go botlhokwa gore batsadi ba tshwaragane le magosi go fa bana molao o o ka thusang gore ba ikgaphe mo dilong tse di ka ba senyetsang isago.

Kgosi Kegapetswe o ne a supa gore nngwe ya dikgang tse di tshwenyang magosi ke ya bana ba ba phuaganngwang ke borraabo.

A re keletso ke go fokotsa bana ba ba senang tlhokomelo ya borraabo.   BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : MOPIPI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 15 Aug 2019