Breaking News

Tshireletso o rola melao e e fetisitsweng

14 Aug 2019

Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso o lekodisitse banni ba Mookane ka melao e e dumalanweng kwa palamenteng jaaka tsamaiso ya kabo ya lefatshe.

A re mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go nna le lefatshe go sa balelwe la boswa kgotsa la theko. A re se ga se kganele tshwanelo ya mme yo o nyetsweng go fiwa setsha ka fa molaong ka lebaka la go bo rre yo a mo nyetseng a setse a kile a fiwa setsha ke ba kabo ditsha.

Kgang e a re e tswa kgakala e jesetsa bomme ba ba nyetsweng mo kgobedung e bile e dira gore ba tseelwe kwa tlase.

A re tshwetso ya puso ya go letla bomme ba ba nyetsweng go akola tshwanelo ya bone ya go nna le lefatshe le e leng la bone e tlaa ba thusa gore ba kgone go itshetsa le gore fa tseo e ka tlhoka go tsamaya sentle, ba kgone go boelwa ke lefatshe le le bitsang maina a bone.

O tlhagisitse Batswana go sireletsa le go babalela lefatshe le ba le abetsweng.

A re palamente e fetisitse molao o o letlang gore fa motho a na le masimo mme a na le keletso ya go ka direla sepe fela se se ka mo letlang go itshetsa letlelelwe go dira jalo.

O mongwe molao ke wa go itsese phatlalatsa dithoto tse matona a puso a nang natso o a reng o gwetlhilwe ke tshenyetso setshaba e e ileng magoletsa.

Mme Tshireletso o kaile fa molao o, o tlaa letla gore bodiredi bo supe dithoto tse ba nang natso le go tlhalosa gore ba di kgobokantse jang.

A re molao o o ya go ama botlhe mapalamente, matona le ba ba tswang o kaile fa ba tlaa bewa leitlho mo dingwageng tse tlhano.

A re matlhabelo a BMC a tlaa fetisediwa kwa pusong mme e re mo lebakeng le le seng kalo puso e tlaa a fetisetsa kwa Batswaneng go nna kompone e e ikemetseng, selo se a reng se tlaa thusa puso ka e tlaa emisa go tshela madi a mantsi mo go one ka jaanong e tlaa bo e le boikarabelo jwa ba ba rekileng diabe.

Monni wa Mookane, Rre Keineetse Mmopi o akgoletse mothusa tona boswa jo a bo ba tlogeletseng jwa tsela ya Dibete-Mookane-Machaneng, a bo a opela legofi molao wa go itsese dithoto a re ka fa tshenyetso setshaba e keketseng ka teng, gongwe molao o tlaa thusa.

Rre Mmopi o tlhalositse fa a ratile palamente e e e sa tswang go wela go gaisa ka e ne e itebagantse le go araba matshwenyego a Batswana.

Rre Maungo Pelopedi ene o ne a lebogela molao wa kabo ditsha o o fang bomme ba ba nyetsweng tshwanelo ya go fiwa lefatshe a re borre ba ba nyetseng ba tswa kgakala ba lemoga fa se se ba beile gammogo le bapati ba bone ka fa mosing.

E ne ya re mo phuthegong eo Mookane show committee ya abela sekole se segolwanene sa Mookane ditilo tse di lopileng P9 100 le mesangwana ya basetsana ya P1 500. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Maswikila

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Aug 2019