Temo ke teemane ya botshelo - Khukhutha
14 Aug 2019
Mogolwane mo lephateng la temo Rre Mmoloki Khukhutha o rotloeditse balemi ba kgaolo-potlana ya Letlhakeng go tsaya temo ka tlhoafalo ka jaana temo e le teemane ya botshelo.
O buile se jaaka a ne a bula ditshupo tsa temo kwa Letlhakeng bosheng.
Rre Khukhutha a re temo ke yone konokono mo go jeseng lefatshe la Botswana le gone go romela thobo kwa mafatsheng a sele go dira letseno go itshetsa.
A re ka jalo go mo maruding a balemi ba ba tsayang temo ka natla le mashetla go rurifatsa gore ba ntsha thobo e e ka jesang lefatshe.
Rre Khukhutha a re o lebogela tshwaragano e e renang fa gare ba balemi ba kgaolo e mme seo se botlhokwa thata ka go nna motlhofo go rutana le go ithuta mo go babangwe.
A re ka jalo setlhogo sa letsatsi leo; Go Rurifatsa gore Dijo di Nna Teng mo Masimong a a Tlwaelesegileng, se maleba ka se gwetlha go dira ka natla mo temong.
O ne a kgothatsa balemi gore ba seka ba kgobega marapo, bogolo jang ka mo malatsing a gompieno go le bokete go bona babereki kwa masimong.
A re ba ipelege go tlhokomela masimo a bone.
Rre Khukhutha a re lephata la gagwe le lone le tlaa dira ka gotlhe go rurifatsa gore ba thusa balemi ka tsotlhe tse ba di tlhokang jaaka dikgakololo le ditsela tsa go tlhabolola temo ya bone.
A re ka jalo ba tshwanetse ba bereka thata le balemisi mo kgaolong ya bone ka ba hiretswe go ba thusa mo go tsa temo le gone go ntsha maduo mo temong.
O ne a tlatsa ka go re mo nakong e e fetileng ba ne ba dira dilo Setswana ka balemi ba ne ba fiwa menontshane go sa tlhatlhojwa mmu mo tshimong mme seo se bake thobo e e kwa tlasa.
Rre Khukhutha a re mo nakong ya gompieno menontshane ga e fiwe molemi a sa tlhatlhoba mmu wa tshimo gore a seka a tloga a senya mmu ka go tsenya se se teng gale mme go bakele dijalo mathata.
Le fa go ntse jalo, a re o itumelela disupiwa tsa bone ka e le tsa maemo a ntlha mme o dumela gore jaaka ba tlaa bo ba fetela kwa dikgaisanyong tsa lefatshe lotlhe ba tlaa kgona go bona maemo a a nametsang.
A re e re ka jaana kgaolo e e ka kwano e le ya motlhabana, o lebogela balemi go lema dijalo tse di tsamaelanang le motlhaba.
Rre Khukhutha a re dinawa, manoko, mabele le tse dingwe di dira sentle mo motlhabeng mme a ba opela diatla go bo ba reetsa dikgakololo tsa balemisi.
O ne a ba rotloetsa go tsena mo temong ka mashetla mme ba e dire e le kgwebo ka motho a ka kgona go itshetsa ka yone mme a tshela botshelo jwa maemo a ntlha.
Modulasetilo wa komiti ya ditshupo, Rre Moeti Nkgoko a re ba bone go tshwanela go tshwara ditshupo tseo gore balemi ba kgaolo eo ba kgone go isa disupiwa tsa bone kwa ditshupong tse ditona tsa lefatshe.
A re gone go se motlhofo go baakanyetsa ditshupo tseo, bogolo jang ka ba sena morotloetsi ntswa ba sa kgobega marapo.
Rre Nkgoko o ne a supa fa ba ne ba tshwanetse go koleka P1 000 mongwe le mongwe wa bone mo dikgaolong tsa bone tse di lesome le bone mme batho ba nnile maoto a tshupa go dira jalo.
Ka jalo o ne a kgothatsa balemi go rurifatsa gore madi ao a nna teng ka ke one a a ba thusang go baakanyetsa letsatsi la ditshupo. A re le fa go ntse jalo, o lebogela barotloetsi botlhe ba ba nnileng le seabe mo go boneng gore letsatsi leo le a atlega.
Rre Nkgopo a re ba atle ba dire dipampiri tsa go kopa madi mme a kopa morafe go ba thusa ka jaana madi ao a le mosola mo go baakanyetseng ditshupo.
E rile a kgothatsa balemi ka ene, Rre Osupeng Sebomo a re temo e tshwanetse ya tsewa ka thoafalo ka jaana balemi ba tshwanetse ba jesa lefatshe la Botswana.
A re ntle le go thoafalela temo, ba tshwanetse ba dira temo e le kgwebo gore ba kgone go itshetsa ka jaana e na le madi e bile fa molemi a ema ka dinao o ka bona dipoelo tse di bonalang.
Rre Sebomo o ne gape a kopa balemi go inaakanya le methale ya temo ya segompieno le gone go dirisana le balemisi go ithuta ka fa ba ka tlhabololang temo ya bone ka teng.
A re e re ka Setswana se re mabogo dinku a a thebana, balemi ba tshwanetse ba nna le sebaka sa go ithuta mo go bangwe ka bone ka dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe.
Mo kamogelong ya gagwe, Kgosi Tumelo Puleng wa Letlhakeng o ne a supa fa ditshupo di le mosola ka di efa balemi sebaka sa go supa tse ba di lemang.
A re paakanyetso ya ditshupo e tshwaraganetswe ke balemi le balemisi gore e atlege mme a re o leboga kemo -nokeng eo mo baleming.
Kgosi Puleng a re o tshwenyega thata ka jaana banana ba sa bonale mo ditshupong tseo ntswa e le bone go beilweng mo go bone go isa temo kwa pele.
O ne a kopa gore banana ba eitleediwe ka gore itsholelo ya lefatshe e ikaegile ka bone mme e bile ke bone bokamoso jwa lone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Letlhakane
Event : Ditshupo
Date : 14 Aug 2019