Magosi a tlhobaediwa ke leuba
14 Aug 2019
Kgosi Meshack Kaponene wa Mokoboxane a re e le magosi a Boteti Bophirima ba tshwentswe ke seemo se se bifelang pele sa leuba se se gomagometsang matshelo a ba ba ikaegileng ka leruo.
Kgosi Kaponene o buile jalo bosheng jaaka Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane a ne a buisa diphuthego tsa kgotla mo kgaolong ya gagwe.
Kgosi a re barui ba tshwanetse ba tsibogela seemo se gore ba kgone go namola leruo la bone.
Le fa a tshwentswe ke gore naga e ntse tshetlha, Kgosi Kaponene a re go na le bangwe ba ba lebegang ba tlhorotsha barui ka go ba amoga leruo la bone.
“Barui ba dihutshane ba a lela, leruo le a nyelela, le tsena ka ga re itse.”
O supile gore seemo sa bogodu jwa leruo, segolo bogolo dihutshane, se a tshwenya ka gore maiteko a a dirwang go ntsha batho mo lehumeng a tlaa fetoga lefela.
Kgosi Kaponene a re bangwe ba fufutse ba bereka ka thata go kgobokanya leruo, fa bangwe e le ba ba thusitsweng ka mananeo a puso.
“Dilo tse di ka tsenya batho mowa o o maswe, kana ga twe bagologolo magodu a a thorontshang jaaka ba, go ne go na le ka fa ba dirwang ka teng gore ba kgwe ba tshelele ba bakele go tshamekela mo dilong e se tsa bone,” ga tlhalosa Kgosi Kaponene. “O tlaa sokola o kokotletsa gore o ithuse, mme mongwe ene o bone go le motlhofo fela go tla a tswala lesaka la gago.”
Kwa motseng wa Mopipi, Kgosi Gowinnemang Mathare o supile gore seemo sa leuba se tsosa dikgotlhang magareng ga barui le beng ba masimo.
Kgosi Mathare o tlhalositse gore ofisi ya gagwe e setse e amogetse dingongora tsa balemi ba supa fa go na le barui ba ba fuduseditseng dikgomo kwa masimo, ka jalo di kgaola terata e e ageletseng masimo.
Kgosi Mathare a re le fa a lemoga gore barui ba patelediwa ke leuba go fudusetsa dikgomo kwa masimo, go latela phulo e e botoka, go botlhokwa gore ba di sireletse go itsa gore di seka tsa senya diterata tsa masimo, seemo se se ka tsosang dikgotlhang.
“Tlhokomelang leruo, le seka la kuketsa dikgang ka go senyetsa ba bangwe. Le tshwanetse la lemoga gore re ipaakanyetsa temo.” BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Mokoboxane
Event : Diphuthego
Date : 14 Aug 2019